Kgaolo 8
Go kgabaganya Lewatle
Diphefo tse di maatla tsa fokela sekepe kwa lefatsheng la tsholofetso.
Lamane, Lemuele, le ba ba bangwe ba simolola go nna boikepo. Fa Nefi a ba bolelela go emisa, ba galefa mme ba mmofa ka megala.
Ka ntlha ya boikepo jwa bone, Liahona ya emisa go dira. Ba ne ba sa itse tsela e ba ka kaela sekepekwa go yone. Matsubutsubu a a boitshegang a fokela sekepe kwa morago malatsi a mararo.
Lehi a bolelela Lamane le Lemuele go bofolola Nefi, mme ba seka ba reetsa. Lehi le Sarai ba hutsafala mo ba neng ba lwala.
Mosadi wa ga Nefi le bana ba lela. Ba kopa Lamane le Lemuele go bofolola Nefi, mme ba gana.
Mo letsatsing la bone matsubutsubu a gakala. Sekepe se ne sa batla go nwela.
Lamane le Lemuele ba itse gore Modimo o rometse matsubutsubu. Ba ne ba tshoga gore ba tlaa teba.
La bofelo Lamane le Lemuele ba ikwatlhaya e bile ba bofolola Nefi. Le ntswa mangenana le ditokololo di ne di rurugile e bile di le ntho tsa megala, Nefi a seka a ngongorega.
Nefi ke gone a tsholetsa Liahona, mme ya dira gape. Nefi a rapela, mme phefo ya ema. Lewatle la sisibala
Nefi a kaela sekepe, mme sa tsamaela gape kwa lefatsheng la tsholofetso.