Kgaolo 44
Jeso Keresete a Segofatsa Bana
Setshwantsho
Jeso a rapela le bana
Mmoloki o bolelela batho go khubama. Ke gone a khubama mme a rapela Rraetsho wa Legodimo.
Setshwantsho
batho ba nyenya
Thapelo ya Mmoloki e ne e gakgamatsa moeneng ya seka ya kwalwa. E ne ya tlatsa Banefi ka boipelo.
Setshwantsho
Jeso a bua le batho
Morago ga thapelo ya gagwe Jeso a re Banefi ba tlaa segofadiwa ka ntlha ya tumelo ya bone.
Setshwantsho
Jeso
O ne a utlwa lorato le le kalo kalo le boitumelo mo a neng a lela.
Setshwantsho
Jeso o segofatsa bana
O ne a tsaya bana mme a ba segofatsa mongwe le mongwe wa bone. A ba rapelela go Rraetsho wa Legodimo mme a lela gape.
Setshwantsho
Jeso le bana
Jeso Keresete o boleletse Banefi go leba bana ba bone.
Setshwantsho
baengele ba dikaganyeditse bana
Jaaka batho ba ne ba lebile, baengele ba fologa kwa legodimong mme ba dikaganyetsa bana. Bana le baengele ba ne ba dikologilwe ke molelo.