Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 32: Mokapoteini Moroni a Tsholetsa Mokgele wa Kgololesego


Kgaolo 32

Mokapoteini Moroni a Tsholetsa Mokgele wa Kgololesego

Setshwantsho
Amalekhiya a bua

Monna wa moikepi yoo bidiwang Amalekhiya o ne a batla go nna kgosi ya Banefi. Banefi ba bantsi ba ne ba tlogetse Kereke go mo sala morago.

Setshwantsho
Amalekhiya

Fa Amalekhiya a nna kgosi, o ne a ka leka go senya Kereke ya Modimo mme a tlosa kgololesego ya batho.

Setshwantsho
Moroni a lebile Amalekhiya

Fa Mokapoteini Moroni, moeteledi pele wa batlhabani ba Banefi, a utlwa ka togaamano ya ga Amalekhiya ya go nna kgosi, o ne a galefa.

Setshwantsho
Moroni a kwala mo folageng

Moroni o kgagola baki ya gagwe go dira folaga. Mo go yone a kwala molaetsa go gakolola batho go sireletsa tumelo ya bone, kgololesego, le kagiso.

Setshwantsho
Moroni a rapela

Moroni a tlhoma folaga mo paleng mme a e bitsa mokgele wa kgololesego. Ke gone o ne a apara seaparo sa iphemelo,o ne a khubama go rapela.

Setshwantsho
Moroni a rapela

O ne a kopa Modimo go sireletsa ba ba dumelang mo go Jeso Keresete mme a repelela kgololesego mo lefatsheng, a le bitsa lefatshe la kgololesego.

Setshwantsho
Moroni o fofisa folaga

Moroni o tsamaya mo gare ga batho. A fofisa mokgele wa kgololesego, a ba bitsa go tla le go thusa go sireletsa kgololesego ya bone.

Setshwantsho
batho ba kgobokana go dikologa Moroni

Batho ba tla go tswa lefatsheng lotlhe. Ba solofetsa go obamela ditaelo tsa Modimo le go lwela kgololesego ya bone.

Setshwantsho
Amalekhiya le ba ba mo setseng morago ba sia

Fa Amalekhiya a bona gore ke ba le kae Banefi ba ba ikgolagantseng le Moroni, o ne a tshoga. Ene le ba ba mo setseng morago ba ne ba tloga go kopana le Balamane.

Setshwantsho
Moroni le batlhabani ba gagwe

Moroni le batlhabani ba gagwe ba leka go ba kganela, mme Amalekhiya le ba se kae ba banna ba gagwe fa falola.

Setshwantsho
folaga e fofa mo kagong e e godileng

Moroni o baya mokgele wa kgololesego mo kagong e godileng mo lefatsheng la ga Nefi. Banifae ba ne batshegetsa kgololesego ya bone mme gape ba ne ba na le kagiso.

Gatisa