Kgaolo 39
Nefi o Amogela Thata e Kgolo
Morena o ne a bua le Nefi mme a mo galaleletsa go nna kutlo le go dira ka thata go ruta efangele.
Nefi o ne a neelwa thata go dira sengwe le sengwe. Morena o ne a itse fa a tlaa dirisa thata e ka tshiamo.
Morena o boleletse Nefi go tlhagisa Banefi gore fa ba sa ikwatlhae, ba tlaa nyelediwa. Nefi o ne a tsamaya ka bofefo go tlhagisa batho.
Banefi ba ne ba sa dumele Nefi. Ba ne ba leka go mo latlhela mo kgolegelong, mme tahata ya Modimo ya mo sireletsa.
Nefi a bolela lefoko la Modimo go botlhe Banefi.
Mme batho ba ne ba nna le e leng boikepo thata mme ba simolola go lwantshana.
Nefi a rapelela leuba, a solofela fa letlhoko la dijo le tlaa nolofatsa Banefi le go ba thusa go ikwatlhaya.
Leuba la tla. Gone go sena pula, mme mmu wa oma mme dijwalo tsa seka tsa gola. batho ba emisa go lwa.
Banefi ba ne ba tshwerwe ke tlala, mme bontsi ba swa. Bao ba ba tshedileng ba simolola go gakologelwa Morena le se Nefi a se ba rutileng.
Batho ba ikwatlhaela dibe tsa bone mme ba rapela baatlhodi ba bone go kopa Nefi go khutlisa leuba. Baatlhodi ba ya kwa go Nefi.
E rile Nefi a bona gore batho ba ikokobeditse mme ba ikwatlhaile, a kopa Morena go fedisa leuba.
Morena a araba thapelo ya ga Nefi, mme pula ya simolola go na. Ka bonako dijwalo tsa gola gape. Batho ba galaletsa Modimo mme ba itse fa Nefi e le moperofeti yo mogolo.
Bontsi jwa Banefi ba ikopanya le kereke. Ba huma, mme ditoropo kgolo tsa bone tsa gola. Go ne go nnna kagiso mo lefatsheng.
Ke gone Banefi ba ba neng go le pele ba ikopantse le Balamane ba tlhasela Banife.
Banefi ba leka go fenya baba ba bone, ba ba nnileng magodu a ga Gadianthone, mme ba retelelwa gonne bone ka bone ba ne ba nna boikepo gape.
Fa Banefi ba ne ba le tshiamo, Morena o ne a ba segofatsa. Fa ba le boikgantsho e bile ba lebetse Morena, o ne a ba neela mathata go ba thusa gore ba mo gakologelwe.