Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 51: Bajerete ba Tsamaela kwa Lefatsheng la Tsholofetso


Kgaolo 51

Bajarete ba Tsamaela kwa Lefatsheng la Tsholofetso

Setshwantsho
Monnawe Jarete le leru

Fa Bajarete ba sa thibelela kwa lewatleng, monnawe Jarete a lebala go rapela. Morena a tla a le mo marung go mmolelela gore a ikwatlhae.

Setshwantsho
Monnawe Bajerete a rapela

Monnawe Jarete a ikwatlhaya mme a rapela. Morena a itshwarela monnawe Jarete mme a re a se kitla a leofa ka gope.

Setshwantsho
Monnawe Jarete a rapela

Morena a bolelela monnawe Jarete go aga mekoro go tseela batho ba gagwe kwa lefatsheng la tsholofetso.

Setshwantsho
Monnawe Jarete a bua le Morena

Morena a bolelela monnawe Jarete ka fa a ka agang mekoro ka teng.

Setshwantsho
Bajerete ba aga mekoro

Mekoro ene e kitlantswe gore metsi a se ka a tsena mo teng.

Setshwantsho
Monnawe Jarete a bua le Morena

Monnawe Jarete a gakgamalela gore batho ba tlile go nna le phefo jang gore ba heme mo mekorong. A botsa Morena se a tshwanetseng go se dira.

Setshwantsho
Monnawe Jarete a bipa dipotlha

Morena a mmolelela gore a dire potlha mo godimo le kwa tlase ga mokoro mongwe le mongwe. Potlha e ka bulwa go tsenya phefo le go tswalwa go thibelela metsi kwa ntle.

Setshwantsho
Monnawe Jarete a bua le Morena

Monnawe Jarete o boleletse Morena gore mekoro e ne e le lefifi mo teng. Morena a mo kopa gore a akanye ka tsela e go ka nnang le lesedi mo teng ga mekoro.

Setshwantsho
Monnawe Jarete a reeditse Morena

Lesedi la mekoro le ne le ka se tswe mo molelong kgotsa mo matlhabaphefong gonne a ka thubega.

Setshwantsho
Monnawe Jarete a dira galese ya letlapa

Monnawe Jarete a ya kwa thabeng mme a bopa matlapana a le 16 go tswa mo lentsweng. Letlapa le ne le lebega jaaka galase e e itshekileng. A dira matlapa a mabedi a nngwe le nngwe ya mekoro e ferangbobedi.

Setshwantsho
Monnawe Jarete a palamela thaba

Monnawe Jarete a tseela matlapa kwa setlhoeng sa thaba. Koo a rapela go Morena.

Setshwantsho
Monnawe Jarete a rapela

Monnawe Jarete a kopa Morena go ama matlapa gore a ka bonesa mo teng ga mekoro.

Setshwantsho
Keresete a ama letlapa lengwe le lengwe

Morena a ama letlapa lengwe le lengwe ka monwana wa gagwe.

Setshwantsho
Monnawe Jarete

Gonne monnawe Jarete o ne a na le tumelo e kgolo a bona monwana wa Morena. O ne o lebega jaaka monwana wa motho.

Setshwantsho
Morena le monnawe Jarete

Ke gone Morena a itshupetsa monnawe Jarete.

Setshwantsho
Jeso Keresete

Jeso o reile batho bao ba ba mo dumelang ba tlaa nna le botshelo jo bo sa khutleng.

Setshwantsho
Jeso a ruta monnawe Jarete

Jeso o rutile le go supetsa monnawe Jarete dilo tse dintsi. Jeso a mmolelela gore a kwale se a se bonyeng le se a se utlwileng.

Setshwantsho
Monnawe Jaerete a fologela kwa tlase ga thaba

Monnawe Jarete o tseela mantswe kwa tlase ga thaba. O baya letlapa le lengwe mo bokhutlong jwa mokoro mongwe le mongwe. A bonesa mo teng ga mekoro.

Setshwantsho
mekoro mo metsing

Bajerete ba ya mo mekorong le diphologolo tsa bone le dijo. Morena a dira phefo e thata go kgoromeletsa mekoro ntlheng ya lefatshe la tsholofetso.

Setshwantsho
Monnawe Jarete

Morena a ba sireletsa mo lewatleng le le makgwakgwa. Ba leboga Morena le go mo opelela dikgalaletso.

Setshwantsho
mekoro e goroga mo lefatsheng la tsholofetso

Morago ga malatsi a 344 mo metsing, mekoro ya goroga mo letshitshing la lefatshe la tsholofetso.

Setshwantsho
Bajarete ba rapela

Bajarete ba tswa mo mekorong ba khubama mme ba lela dikeledi tsa boipelo.

Setshwantsho
mosadi a tshotse korong

Bajarete ba agile magae mme ba lema dijwalo mo lefatsheng la tsholofetso. Ba rutile bana ba bone go reetsa Morena le go obamela mafoko a gagwe.

Gatisa