Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 49: Momone le Dithuto tsa Gagwe


Kgaolo 49

Momone le Dithuto tsa Gagwe

Setshwantsho
ditlhopha tse pedi tsa batho

Dingwaga tse dintsi morago ga Jeso Keresete a lekola Banefi, setlhotswana sa batho sa tlogela Kereke mme ba ipitsa Balamane.

Setshwantsho
setlhopa se bua

Kwa pheletsong go batlile botlhe batho ba nna boikepo, gotlhe Banefi le Balamane.

Setshwantsho
Amarone a fitlha dikwalo

Mosiami, Amarone, o ne a na le dikwalo tse di boitshepo. Mowa o o Boitshepo o mmoleletse go di fitlha gore jalo di ka bolokesega.

Setshwantsho
Amarone a bua le Momone yo mmotlana

Amarone o boleletse Momone, mosimane wa ngwaga tse di lesome, kwa dikwalo di fitlhilweng gone. Amarone o ne a itse fa a ka tshepha Momone.

Setshwantsho
Amarone le Momone

E rile a le masome a mabedi le bone, Momone o ne a tshwanetse go tsaya dipapetlana tsa ga Nefi mme a kwala mo go tsone ka ga batho ba gagwe.

Setshwantsho
Banefi le Balamane ba tlhabana

E rile Momone a le lesome le bongwe, ntwa ya simolola ma gareng ga Banefi le Balamane. Banefi ba fenya mme go bo go le kagiso gape.

Setshwantsho
batho ba nwa

Mme Banefi ba ne ba le boikepo mo go kalo gore Morena a bo a tlose barutwa ba bararo, se se khutlisitseng masaitsiweng le diphodiso. Mowa o o Boitshepo wa seka wa kaela batho.

Setshwantsho
Momone

E rile Momone a le lesome le botlhano, Jeso a mo etela. Momone a ithuta mo gontsi ka ga Mmoloki le molemo wa gagwe.

Setshwantsho
Momone a lebeletse banna ba babedi

Momone o ne a batla go rerela batho, mme Jeso a mmolelela gore a seka gonne batho ba ne ba le boikepo thata. Dipelo tsa bone di ne di tlhomilwe kgatlhanong le Modimo.

Setshwantsho
Momone jaaka moeteledipele wa sesole

Ntwa e nngwe ya simolola. Momone o ne a le mogolo e bile a le thata, mme Banefi ba mo tlhopha go etelela pele mophato wa ntwa wa bone.

Setshwantsho
Momone a bua le batlhabani

Banefi ba tlhabantsha Balamane ka dingwaga di le dintsi. Momone o ne a leka go kgothatsha batho ba gagwe go tlhabanela malwapa a bone le magae.

Setshwantsho
tlhabano

Banefi ba nnile boikepo mo go kalo, le mororo, Morena a ka se ba thuse.

Setshwantsho
Momone a bua le batho

Momone o boleletse Banefi gore ba ka sekegelwe fela fa ba ikwatlhaile e bile ba kolobeditswe. Mme batho ba gana.

Setshwantsho
Momone a lebeletse batlhabani

Ba ikgantsha ka ga thata ya bone, ba re ba tlaa bolaya Balamane botlhe. Ka ntlha ya boikepo jwa Banefi, Momone a gana go ba etelelapele.

Setshwantsho
Momone a eme le batlhabani

Balamane ba simolola go fenya Banefi mo tlhabanong nngwe le nngwe. Momone a ikaelela go etelelapele batlhabani ba Banifae gape.

Setshwantsho
Momone a ntse

O ne a itse fa Banefi ba ba boikepo ba se kitla ba fenya ntwa. Ba ne ba seka ba ikwatlhaya kgotsa go rapelela thuso e ba neng ba e tlhoka.

Setshwantsho
Momone a bipolola dikwalo

Momone a tsaya dikwalo tsotlhe mo thabeng kwa Amarone a neng a di fitlhile gone mme a kwalela batho ba ka letsatsi lengwe ba ka balang dikwalo.

Setshwantsho
Momone le dikwalo tse di boitshepo

O batlile mongwe le mongwe, go balela le Bajuta, go itse ka ga Jeso Keresete, go ikwatlhaya le go kolebediwa, le go tshela efangele mme ba segofale.

Setshwantsho
Momone a kwala mo dipapetlaneng tse di boitshepo

Mowa wa tlhotlheletsa Momone go baya dipapetlana tse di potlana tsa ga Nefi, tse di tshotseng diperofeso tsa go tla ga ga Keresete, le dipapetlana tsa ga Momone.

Setshwantsho
Mophato wa ntwa wa ga Momone

Momone o gogela Banifae kwa lefatsheng la Khomora, kwa ba ipaakanyeditseng go tlhabana le Balamane gape.

Setshwantsho
Momone a tshwere dipapetlana

Momone o ne a tsofala. O ne a itse se e tlaabo e le tlhabano ya bofelo. O ne a sa batle Balamane ba bona dikwalo tse di boitshepo le go di senya.

Setshwantsho
Momone a naya dipapetlana go Moronae

Jalo a neela dipapetlana tsa ga Momone go morwa wa gagwe, Moroni, le go fitlha dipapetlaneng tse di dingwe mo thabeng ya Khomora.

Setshwantsho
Banefi ba swa

Balamane ba tlhasetse le go bolaya botlhe fa e se Banefi ba le masome a mabedi le bone. Momone o golafaditswe.

Setshwantsho
Ba golafaditse Momone

Momone o ne a hutsafaditswe ke gore bontsi jo bo kalo jwa Banefi bo sule mme a itse gore ba sule ka ntlha ya gore ba ganne Jeso.

Setshwantsho
Jeso Keresete

Momone o lekile go ruta Banefi boammaaruri. O ba boleletse ka fa go leng botlhokwa go nna le tumelo mo go Jeso Keresete.

Setshwantsho
Momone a ruta

O lekile go ba ruta gore ba nne le tsholofelo ka Tetlanyo ya ga Jeso Keresete le go nna le lorato, le e leng lorato le le itshekileng la ga Keresete.

Setshwantsho
Momone a kwala dikwalo

Mme Momone o kwadile dikwalo go morwa wa gagwe, Moroni, yo le ene a rutileng efangele go Banefi.

Setshwantsho
Moroni a bala dikwalo

Momone o kwadile ka ga boikepo jo bo boitshegang jwa Banefi. O boleletse Moroni go nna a le boikanyego mo go Jeso Keresete.

Setshwantsho
Momone o bolailwe.

Balamane ba bolaile Momone le botlhe Banefi fa e se Moroni yo a weditseng go kwala dikwalo.

Gatisa