Scripture Stories
Kgaolo 13: Senife


Kgaolo 13

Senife

Setshwantsho
Banefi ba tsamaya

Senife le setlhopha sa Banefi ba tlogela magae a bone mo Sarahemola mme ba tsamaela kwa lefatsheng la Nefi, kwa Banefi ba bangwe ba kileng ba nna teng.

Setshwantsho
Banefi ba bua le Kgosi Lamane

Ba ne ba fitlhela Balamane ba tshelela koo. Senife le banna ba gagwe ba bane ba tsena mo toropong go bua le kgosi. Ba ne ba kopa Kgosi Lamane fa ba ka nna mo lefatsheng la gagwe.

Setshwantsho
Kgosi Lamane

Kgosi Lamane o ne a re ba ka tsaya toropo tse pedi tsa gagwe. Kgosi o ne a batla ba nna mo lefatsheng la gagwe gore a ba dire makgoba.

Setshwantsho
Banefi ba lema

Batho ba ga Senife ba aga magae le go baakanya mabota go dikologa toropo ya bone. Ba ne ba jwala mefuta e mentsi ya tlhaka le maungo. Le bone ba ne ba na le matsomane a diphologolo.

Setshwantsho
Balamane ba tlhasela Banefi

Kgosi Lamane o ne a bolelela batho ba gagwe gore Banefi ba ne ba nonofa thata. Bontsi jwa Balamane ba akofa go tlhasela Banefi le go utswa diphologolo tsa bone le dijwalo.

Setshwantsho
Banefi ba sia

Banefi ba siela kwa toropong ya Nefi. Koo Senife a dira batho ba gagwe gore ba ipapane ka mara le metswi, ditshaka, melamu, le metsekedi. Ba tsamaya go lwantsha Balamane.

Setshwantsho
Banefi ba rapela

Pele fa balwa, Banefi ba rapela, ba kopa thuso ya Modimo. Modimo a segofatsa Banefi ka nonofo e e oketsegileng, mme ba fenya Balamane.

Setshwantsho
batlhokomedi le dinku

Morago ga tlhabano Senife a baya batlhokomedi go dikologa ditoropo tsa Banefi. O ne a batla go sireletsa batho ba gagwe le diphologolo tsa bone mo Balamaneng.

Setshwantsho
bomme ba loga

Banifae ba tshelela mo kagisong dingwaga tse dintsi. Banna ba ne ba dira mo masimong, mme bomme ba dira ditlhale mme ba dira diaparo.

Setshwantsho
tlhabano

Kgosi Lamane a swa mme morwa wa gagwe a nna kgosi. Kgosi e ntsha ya romela batlhabani go lwa le Banefi.

Setshwantsho
Banefi ba lebeletse Balamane

Banefi gape ba amogela nonofo mo Moreneng. Ba bolaya Balamane ba bantsi, e bile ba bangwe ba sia.

Gatisa