Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 15: Alema wa Ruta le go Kolobetsa


Kgaolo 15

Alema wa Ruta le go Kolobetsa

Setshwantsho
Alema a kwala

Alema o ne a falola go tswa go batlhanka ba ga Kgosi Noa mme a iphitlha malatsi a mantsi. Fa a santse a iphitlhile, a kwala se moperofeti Abinadi a se rutileng.

Setshwantsho
Alema a ruta bangwe

Alema a ikwatlhaela dibe tsa gagwe mme a ya go Banefi ka sephiri, a ba ruta molaetsa wa ga Abinadi. Alema a bolelela batho go nna le tumelo mo go Jeso Keresete le go ikwatlhaya.

Setshwantsho
Alema

Ka nako ya motshegare Alema o ne a iphitlha mo tshutlhankgeng ya ditlhare go bapa le motswedi o o bidiwang Metsi a ga Momone.

Setshwantsho
Alema a kolobetsa ba bangwe

Bao ba dumetseng dithuto tsa ga Alema ba ya kwa Metsi a ga Momone mme ba kolobediwa. Alema a kolobetsa batho ba le 204 mo Kerekeng ya ga Keresete.

Setshwantsho
Alema a tlhoma baperesiti

Alema a tlhoma baperesiti go ruta batho. O ne a bolelela baperesiti go ruta boikwatlhao le tumelo mo go Jeso Keresete. Le gone o ne a re ga ba tshwanela go ganetsanya mme ba lomagane.

Setshwantsho
batho ba abelana

Batho ba ga Alema ba ne ba ratana le go direlana. Ba ne ba abelana sengwe le sengwe se ba nang naso e bile ba ne ba lebogela go bo ba ithutile ka ga Jeso Keresete, Morekolodi wa bone.

Setshwantsho
Batlhanka ba ga Noa baya Alema ditlholwa

Batlhanka ba ga Kgosi Noa ba bona Alema a ruta batho. Kgosi a re Alema o ne a fetola Banefi go nna kgatlhanong le ene, jalo a romela batlhabani go ba bolaya.

Setshwantsho
Alema le ba bangwe ba sia

Modimo a tlhagisa Alema gore batlhabani ba ga Kgosi Noa ba e tla. Batho ba phutha malwapa a bone, diphologolo, le dithoto tse dingwe tsa bone mme ba siela mo nageng.

Setshwantsho
Lesole la ga Kgosi Noa

Modimo a thatafatsa batho ba ga Alema gore ba ka falola mo batlhabani ba ga Kgosi Noa, Batlhabani ba batla mme ba se ka ba ba bona.

Setshwantsho
batho ba tlhoma

Morago ga go tsamaya mo nageng malatsi a ferangbobedi, batho ba ga Alema ba tla kwa lefelong le le ntle leo le nang le metsi a itshekileng a a elelang mo go lone. Fano ba tlhoma dijwalo le go aga dikago.

Setshwantsho
Alema a bua le ba bangwe

Batho ba ne ba batla Alema go nna kgosi ya bone, mme Alema a re Modimo ga a batle ba ka nna le kgosi. Modimo o batla ba gololesega.

Gatisa