Kgaolo 14
Abinadi le Kgosi Noa
Noa e ne e se kgosi e e molemo jaaka rraagwe. O ne a le boikepo mme a ka se obamele ditaelo tsa Modimo.
O ne a pateletsa batho ba gagwe go mo neela bontlha bongwe jwa mabele a bone, diphologolo, gauta, le selefera.
Kgosi Noa o ne a dira se gonne o ne a le setshwakga. O ne a dira Banefi ba mo neele sengwe le sengwe se a se tlhokang go tshela.
O ne a baya mo boemong jwa baperesiti ba ba siameng ba rraagwe a ba biditseng baperesiti ba ba boikepo. Baperesiti ba ba boikepo ba ba ruta batho go leofa.
Kgosi Noa o ne a na le dikago tse dintsi tse dintle tse a di dirileng, go akaretsa ntlo e tona ya kgosi le setulo sa bogosi. Dikago di ne di kgabisitswe ka gauta, selefera, le legong la tlhwatlhwa.
Kgosi Noa o ne a rata mahumo a a tsereng mo bathong ba gagwe. Ene le baperesiti ba gagwe ba ne ba tsaya nako ya bone ba a nwa mofine le go nna boikepo.
Modimo o ne a romela moperofeti yo o bidiwang Abinadi kwa bathong ba ga Noa. Abinadi o ne a ba tlhagisa gore fa ba sa ikwatlhae, ba tlaa nna makgoba a Balamane.
Fa Kgosi Noa a utlwa se Abinadi a se buileng, o ne a galefa. O ne a romela banna go tlisa Abinadi mo ntlong e kgolo ya bogosi gore a mmolaye.
Abinadi o ne a tseelwa go kgosi Kgosi Noa le baperesiti ba gagwe ba mmotsa dipotso tse dintsi. Ba ne ba leka go mo gogela mo go bueng sengwe se se sa siamang.
Abinadi o ne a sa boife go araba dipotso tsa bone. O ne a itse gore Modimo o tlaa mo thusa. Baperesiti ba ne ba gakgamalela dikarabo tsa ga Abinadi.
Kgosi Noa o ne a galefa mme a laela baperesiti ba gagwe go bolaya Abinadi. Abinadi a re fa ba ka mo kgoma, Modimo o tlaa ba bolaya.
Mowa o o Boitshepo wa sireletsa Abinadi gore jalo a fetse go bua se Morena a batlang a se bua. Sefatllhogo sa ga Abinadi se ne se phatsima. Baperesiti ba ne ba boifa go mo kgoma.
A bua ka thata go tswa Modimong, Abinadi a bolelela batho ka boikepo jwa bone. O ne a ba balela ditaelo tsa Modimo.
O ne a ba bolelela gore Jeso Keresete o tlaa tsholwa mo lefatsheng. Jeso o tlaa dira gore go kgonege gore batho ba ikwatlhae, ba tsoge, le go tshela le Modimo.
Abinadi o ne a bolelela batho go ikwatlhaya le go dumela mo go Jeso Keresete kgotsa ba ka se bolokwe.
Kgosi Noa le botlhe fa e se a le mongwe wa baperesiti ba gagwe ba gana go dumela Abinadi. Noa a bolelela baperesiti go bolaya Abinadi. Ba ne ba mmofa mme ba mo latlhela mo kgolegelong.
Moperesiti a le mongwe yo a neng a dumela Abinadi o ne a bidiwa Alema. O ne a kopa Kgosi Noa go golola Abinadi.
Kgosi o ne a galefela Alema mme a re a latlhelwe kwa ntle. Foo a romela batlhanka ba gagwe go mmolaya. Alema a sia mme a iphitlha, mme batlhanka ba se ka ba tlhola ba mmona.
Morago ga go nna malatsi a mararo mo kgolegelong, Abinadi gape a tlisiwa fa pele ga ga Kgosi Noa. Kgosi a bolelela Abinadi go boela morago se a se buileng kgatlhanong le ene le batho ba gagwe.
Kgosi Noa a bolelela Abinadi gore fa a sa latole gotlhe mo a go buileng, o tlaa mmolaya.
Abinadi o ne a itse fa a buile boammaruri. O ne a iketleeleditse go swa go na le go boela morago seo Modimo a mo romileng go se bua.
Kgosi Noa o ne a laela baperesiti ba gagwe go bolaya Abinadi. Ba ne ba mmofa, ba mo itaya,mme ba mo tshuba gore a swe. Pele fa a swa, Abinadi o rile Kgosi Noa le ene o tlaa swa ka molelo.
Bangwe ba Banefi ba ganetsa Kgosi Noa mme ba leka go mmolaya. Batlhabani ba Balamane le bone ba tla go lwantsha kgosi le balatedi ba gagwe.
Kgosi le balatedi ba gagwe ba tshaba mo Balamaneng, mme Balamane ba ba tshwara mme ba simolola go ba bolaya. Kgosi o ne a bolelela banna ba gagwe go tlogela malwapa a bone mme ba tswelele ba tshabe.
Bontsi jwa banna ba seka ba tsamaya. Ba ne ba tshwerwe ke Balamane
Bontsi jwa banna ba ba tshabileng le Kgosi Noa ba ne ba utlwa botlhoko. Ba ne ba batla go boela morago le go thusa basadi ba bone le bana le batho ba bone.
Kgosi Noa o ne a sa batle banna ba boela kwa malwapeng a bone. O ne a ba laela go nna le ene.
Banna ba ne ba galefelela Kgosi Noa. Ba ne ba mo tshuba gore a swe, jaaka Abinadi a perofetile. Ke gone ba boela kwa malwapeng a bone.