Kgaolo 43
Jeso Keresete o Iponatsa kwa Banefing
Batho ba ne ba bua ka ga Jeso Keresete le ka ditshupo tsa loso la gagwe.
Ya re ba bua, ba utlwa lentswe le le sisibetseng go tswa kwa legodimong. La dira gore pelo tsa bone di fise.
Kwa ntlheng ba ne ba sa tlhaloganye lentswe, mme e rile le bua lobaka lwa boraro, ba le tlhaloganya.
Lentswe e ne e le la ga Rraetsho wa Legodimo. Le ba itsese Jeso Keresete mme la bolelela batho gore ba mo reetse.
Jeso o fologile mo legodimong mme a ema mo gare ga batho. Ba ne ba tshogile go bua gonne ba ne ba sa tlhaloganye se se neng se diragala. Ba ne ba akanya gore Jeso ke moengele.
O ne a ba bolelela gore ke Jeso Keresete, ene yo baperofeti ba rileng o tlaa tla.
Jeso o ne a bolelela batho go tla go utlwa dipadi mo letlhakoreng le mo diatleng le dinao, fa a neng a kokotetswe mo mokgorong.
Jeso o ne a batla gore batho ba itse fa e le Modimo wa bone le gore o swetse dibe tsa bone.
Ka bongwe ka bongwe ba utlwa dipadi mo letlhakoreng la ga Jeso, mo diatleng, le mo maotong. Batho ba ne ba itse fa e le Mmoloki.
Ke gone batho ba galaletsa Jeso mme ba wela fa dinaong tsa gagwe ba mo obamela.
Jeso a biletsa Nefi le banna ba bangwe ba le 11 go ene. A ba fa thata ya boperesiti mme a ba ruta tsela e e siameng ya go kolobetsa.
A bolelela Banefi go dumela mo go ene, go ikwatlhaya, le go tshegetsa ditaelo. Fa ba sa dire jalo, ga ba kitla ba tsena ka bogosi jwa gagwe.
O rutile Banefi ka fa ba ka rapelang go Rraetsho wa Legodimo ka gone. A ba ruta le gone ka ga go ikitsa dijo mme a re ba tlaa itshwarelwa fa ba ka itshwarelana.
Morago ga go ruta batho dilo tse dintsi, Jeso a ba bolelela gore ba ye gae le go rapela ka ga se a se buileng.
Banefi ba simolola go lela. Ba ne ba sa batle Jeso a ba tlogela.
Jeso o ratile Banefi. A ba bolelela go tlisa batho ba ba neng ba lwala kgotsa ba gobetse kwa go ene gore jalo a ka ba fodisa.
Jeso a fodisa batho ba. Mongwe le mongwe a inama mme ba mo obamela.