Scripture Stories
Chapter 25: Arone a ruta Rraagwe Kgosi Lamoni


Kgaolo 25

Arone o ruta Rraagwe Kgosi Lamoni

Setshwantsho
Arone le bapati ba tsaya loeto

Mowa o kaela Arone le bapati ba gagwe go lefatshe la Nefi go ruta rraagwe Lamoni, kgosi godimo ga Balamane botlhe.

Setshwantsho
Arone a bua le kgosi

Arone o boleletse kgosi ke mokaulengwe wa ga Amone. Kgosi o ntse a akantse ka bopelontle jwa ga Amone le se Amone a se mo reileng.

Setshwantsho
Arone a bua le kgosi

Arone a botsa kgosi fa a dumela mo Modimong. Kgosi a re ga a rurifatse mme o tlaa dumela fa Arone a ka re Modimo o teng. Arone a netefaletsa Kgosi gore Modimo o teng.

Setshwantsho
Arone a balela kgosi dikwalo tse di boitshepo

Arone o baletse kgosi dikwalo tse di boitshepo. A mo ruta ka Tlholego ya lefatshe, go Wa ga ga Atamo, le ka thomo ya ga Jeso Keresete.

Setshwantsho
kgosi a bua le Arone

Kgosi a botsa se a tshwanetseng go se dira go nna le Mowa o o Boitshepo le go ipaakanyetsa go nna le Modimo. Kgosi o ne a eletsa go dira sengwe le sengwe, le e leng go tlogela bogosi jwa gagwe.

Setshwantsho
Arone a bua le kgosi

Arone a bolelela kgosi fa a tlhokana le go ikwatlhaela dibe tsa gagwe ka botlalo. O tlhokana le go rapela le go nna le tumelo mo Modimong.

Setshwantsho
kgosi a rapela

Kgosi a rapela go itse fa mme gone go na le Modimo. O ne a re o tlaa tlogela tsotlhe dibe ts gagwe.

Setshwantsho
kgosi fa fatshe

Kgosi o ne wela fa fatshe mme a lebega a sule. Fa mohumagadi a mmona , a akanya gore Arone le bapati ba gagwe ba mmolaile.

Setshwantsho
mohumagadi a laola batlhanka

Mohumagadi a laola batlhanka go bolaya Arone le bapati ba gagwe, mme batlhanka ba ne ba tshaba. A ba romela go batla batho bangwe ba ba ka dirang.

Setshwantsho
Arone a laola kgosi go tsoga

Pele ga matshwititshwiti a ka kgobokana mme ba tsose mathata, Arone a tsaya letsogo la kgosi mme a mmolelela go ema. Kgosi a emelelela

Setshwantsho
kgosi a ritibatsa mosadi

Kgosi a ritibatsa mosadi wa gagwe o o tshogileng le batlhanka mme a ba ruta efangele. Botlhe ba dumela mo go Jeso Keresete.

Gatisa