Kgaolo 17
Alema le Batho ba Gagwe ba Falola
Banefi ba ne ba tshogile mme ba siela kwa toropo kgolo go sireletsega. Alema o ba boleletse go gakologelwa Modimo mme o tlaa ba thusa. Banefi ba simolola go rapela.
Morena o nolofaditse dipelo tsa Balamane, mme ba seka ba tlhokofatsa Banefi. Balamane ba ne ba latlhega fa ba leka go batla batho ba ga Kgosi Limihi
Balamane ba solofetsa Alema gore ga ba ka ke ba tshwenya batho ba gagwe fa a ka bolelela ka fa ba ka boelang lefatsheng la bone. Alema o ba supegeditse tsela.
Mme Balamane ba seka ba tshegetsa tsholofetso ya bone. Ba ne ba baya badisa go dikologa lefatshe, mme Alema le batho ba gagwe ba bo ba sa tlhole ba gololesegile.
Kgosi ya Balamane a dira Amulone mmusi godimo ga batho ba ga Alema. Amulone e ne e le Monefi le moperesiti o boikepo wa ga Kgosi Noa.
Amulone a dira batho ba ga Alema go bereka thata. Ba rapelela thuso, mme Amulone a re mongwe ope a ka tshwarwang a rapela o tla bolawa. Batho ba tswelela ba rapela mo dipelong tsa bone.
Modimo a utlwa dithapelo tsa bone le go nonofatsa batho gore tiro ya bone e nne ekete e motlhofo. Batho ba ne ba itumetse e bile ba le bopelotelele.
Modimo o ne a kgatlhiwa ke gore batho ba ne ba le boikanyego. O ne a bolelela Alema gore o tlaa ba thusa go falola Balamane.
E rile bosigo batho ba kgobokanya dijo tsa bone le diphologolo. Moso o o latelang Modimo a tshwarisa Balamane boroko fa Alema le batho ba gagwe ba tlogela toropo kgolo.
Marago ga go tsamaya malatsi a 12, batho ba goroga kwa Sarahemola, kwa Kgosi Mosia le batho ba gagwe ba ba amogetseng.