Kgaolo 20
Alema le Niho
Monna yoo motona, a le thata a bidiwa Niho a simolola go ruta maaka. A re mongwe le mongwe o tlaa bolokwa e ka nne ba le molemo kgotsa bosula. Batho ba le bantsi ba dumela Niho.
Niho a rera kgatlhanong le Kereke ya Modimo, mme monna mongwe wa mosiami yoo bidiwang Giteone a e femela. Niho o ganetsanya le Giteone, mme Giteone o bua ka mafoko a Modimo.
Niho o ne a galefa mme a somola tshaka ya gagwe mme a bolaya Giteone.
Niho o ne a tseelwa go Alema go ya go atlholwa. Niho o ipuelela ka bopelokgale.
Mme Alema a re Niho o molato ka ntlha ya go bo a rutile batho go nna boikepo le go bo a bolaile Giteone.
Alema a re Niho o tshwanetse go otlhaelwa go bolaya Giteone. Ka fa molaong, Niho o tshwanelwa ke go swa.
Niho o ne a tseelwa kwa thabeng e e gautshwane mme a bolawa. Pele a a swa o ne re sengwe le sengwe se a se rutileng e ne e le phoso. Mme batho ba le bantsi ba ne ba santse ba dumela dithuto tse di bosula tsa ga Niho.
Batho ba ratile mahumo mme ga ba kake ba tshegetsa ditaelo tsa Modimo. Ba ne ba sotlaka maloko a Kereke le go ba ganetsa le go lwa le bone.
Batho ba ba siameng ba tswelela go obamela ditaelo mme ba sa ngongorege le fa balatedi ba ga Niho ba ba tlhokofatsa.
Maloko a Kereke a abelana sengwe le sengwe se baneng ba na le sone le bahumanegi, mme ba tlamela balwetsi. Ba obamela ditaelo, mme Modimo a ba segofatsa.