Kgaolo 36
Hakofe
Setshwantsho
Hakofe a aga sekepe se se tona
Mongwe wa bone, monna yoo bidiwang Hakofe, a aga sekepe se se tona mme ba se tsamaisa mo lewatleng la bophirima.
Setshwantsho
Banefi ba paka sekepe se se tona
Banefi ba bantsi ba tsaya dijo le ditlamelo mme ba tsamaela kwa bokone ka sekepe sa gagwe.
Setshwantsho
mokoro mo metsing
Hakofe ke gone a aga dikepe tse dingwe tseo di rwaletseng batho kwa lefatsheng le le ntlheng ya bokone. Sekepe sa ntlha sa boa mme sa tsaya batho ba bantsi.
Setshwantsho
dikepe tse pedi mo metsing
Sekepe se sengwe sa tsamaya. Ga go na sepe sa dikepe se se boileng, mme Banefi ga ba ise ba itse se se diragaletseng batho.