Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 35: Mokapoteini Moroni le Phahorane


Kgaolo 35

Kgaolo 35: Mokapoteini Moroni le Phahorane

Setshwantsho
Moroni o bala pampiri

Mokapoteini Moroni o ne a itumetse go utlwa fa Hilamene le mophato wa gagwe wa ntwa ba gapile bogolo jwa lefatshe la Banefi mo Balamane.

Setshwantsho
batlhabani ba eme mo leboteng

Mme Hilamene le batlhabani ba gagwe ba ne ba tlhoka thuso. Ba ne ba sena masole a a lekaneng go sireletsa ditoropo tse dintsi.

Setshwantsho
Mokapoteini Moroni a kwala

Mokapoteini Moroni a kwalela lekwalo go Phahorane, moatlhodi mogolo le molaodi. A kopa Phahorane go romelela masole a mangwe go thusa batlhabani ba ga Hilamene.

Setshwantsho
Balamane ba tlhasela toropo kgolo

Balamane ba tlhasela toropo kgolo ya Banefi eo Hilamene a neng a e gapile. Ba bolaya Banefi ba bantsi mme ba leleka ba bangwe mo toropo kgolo.

Setshwantsho
Moroni a kwala

A galefetse baeteledi pele ba goromente gonne ba ne ba sa romele thuso, Moroni o kwaletse Phahorane lekwalo le lengwe.

Setshwantsho
masole

Mokapoteini Moroni o kwadile gore batho ba bantsi ba bolailwe gonne Phahorane o ne a sa romela masole a mantsi.

Setshwantsho
Moroni a kwala

Fa Phahorane a ne a sa romela banna le dijo ka bofefo, Moroni o ka bo a tsere batlhabani ba gagwe go Sarahemola mme a tsaya se batlhabani ba gagwe ba se tlhokang.

Setshwantsho
Moroni a amogela lekwalo

Moroni a tloga a amogela lekwalo go tswa go Phahorane. O ne a hutsafetse gore Moroni le batlhabani ba gagwe ba ne ba boga.

Setshwantsho
Phahorane a kwala lekwalo

Phahorane o boleletse Moroni gore setlhopha sa baikepi sa Banefi ba ba bidiwang banna ba kgosi ga ba batle a nna moatlhodi mogolo. Ba ne ba mo pateleditse le ba ba mo setseng morago go tswa mo Sarahemola.

Setshwantsho
Batlhabani ba phuthegela kwa ntle ga toropo

Phahorane o ne a tlaleletsa gore o ne a phutha batlhabani go leka go gapa Sarahemola.

Setshwantsho
kgosi le banna ba gagwe

Banna ba kgosi ba ne ba itshenketse kgosi go ba etelela pele mme ba ikopatse le Balamane.

Setshwantsho
Phahorane a kwala lekwalo

Phahorane o ne a sa galefela se Moroni a neng a se kwadile. O ne a batla Banefi ba gololesega le bone.

Setshwantsho
Moroni a bala lekwalo

O ne a kopa Moroni go tlisa banna ba se kae go mo thusa mme a re fa Moroni a phutile banna ba bangwe mo tseleng, batlhabani ba ba tshwaraganeng ba ka gapa Sarahemola.

Setshwantsho
Moroni a tshwere lekwalo

Mokapoteini Moroni o ne a itumelela gore Phahorane o ne a santse a ikanyega mo lefatsheng la gagwe e bile a santse a batlela batho ba gagwe kgololesego.

Setshwantsho
Moroni le masole

Ka ba se kae ba banna ba gagwe, Moroni a ya go kopana le Phahorane. A fofisa sekano sa kgololesego, mme dikete tsa banna tsa ikopanya le bo ne mo tseleng.

Setshwantsho
ntwa mo leboteng la toropo kgolo

Batlhabani ba ba tshwaraganyeng le ba ga Moroni le Phahorane ba gwanta kgatlhanong le Sarahemola. Ba bolaya kgosi ya baikepi ba Banefi mme ba tshwara banna ba gagwe.

Setshwantsho
Moroni le masole

Moroni ke gone a romela dijo le masole a le 12,000 go thusa batlhabani ba Banefi. Batlhabani ba kgweeletsa Balamane kwa ntle, mme go ne ga nna le kagiso gape mo lefatsheng.

Gatisa