Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 37: Nefi le Lehi mo kgolegelong


Kgaolo 37

Nefi le Lehi mo kgolegelong

Setshwantsho
Hilamene le barwa

Nefi le Lehi e ne e le barwa ba ga Hilamene. Hilamene o ne a batla ba nna basiami jaaka Lehi le Nefi ba ba tlogetseng Jerusalema.

Setshwantsho
Hilamene o ruta barwa

Hilamene o ruta barwa ba gagwe go dumela mo go Jeso Keresete. Ba ithutile gore boitshwarelo bo tla ka tumelo le boikwatlhao.

Setshwantsho
batho ba kolobediwa

Nefi le Lehi ba ne ba ya go ruta lefoko la Modimo kwa Banefing le Balamane. Dikete tsa batho di ne tsa kolobediwa.

Setshwantsho
Nefi le Lehi ba bofilwe

Fa Nefi le Lehi ba ya kwa lefatsheng la Nefi, batlhabani ba Balamane ba ba latlhela mo kgolegelong mme ba seka ba ba neela dijo malatsi a mantsi.

Setshwantsho
Nefi le Lehi mo molelong

Balamane ba ya kwa kgolegelong go bolaya Nefi le Lehi mme ba retelelwa gonne ba ne ba sireleditswe ka sediko sa molelo o o kabong o fisitse mongwe le mongwe yo o neng a leka go ba ama.

Setshwantsho
Nefi le Lehi mo molelong

Nefi le Lehi ba ne ba sa fisiwe ke molelo. Ba boleletse Balamane gore maatla a Modimo a ne a ba sireleditse.

Setshwantsho
mabota a kgolegelo a tshikinyega

Lefatshe le mabota a kgolegelo tsa simolola go tshikinyega. Leru le le ntsho la dikaganyetsa batho mo kgolegelong, mme ba ne ba boifa.

Setshwantsho
masole mo lefifing

Lentswe le le tswang godimo ga lefifi le ne la bua. Le ne le sisibetse jaaka tshebo, mme mongwe le mongwe a le utlwa.

Setshwantsho
batho mo lefifing

Lentswe la bolelela batho gore ba ikwatlhaye mme ba emise go leka go bolaya Nefi le Lehi.

Setshwantsho
masole mo bodilong

Lentswe le buile ga raro, mme lefatshe le mabota a kgolegelo a tswelela ka go tshikinyega. Balamane ba ne ba ka se sie gonne go ne go le lefifi thata mme ba ne ba tshogile thata.

Setshwantsho
Difatlhogo tsa ga Nefi le Lehi di phatsima

Monefi yo e neng e le leloko la kereke a bona fa difatlhogo tsa ga Nefi le Lehi di ne di phatsima mo lefifing.

Setshwantsho
Nefi le Lehi ba phatsima

Nefi le Lehi ba ne ba leletse kwa legodimong mme ba bua. Monna o ne a bolelela Balamane go leba. Ba ne ba gakgamalela bao Nefi le Lehi ba bua le bone.

Setshwantsho
Aminadabe o bua le batho

Monna, yo o neng a bidiwa Aminadabe, o boleletse Balamane gore Nefi le Lehi ba ne bua le baengele.

Setshwantsho
Aminadabe a bua

Balamane ba botsa Aminadabe gore ba ka ntsha jang leru la lefifi. O ba boleletse gore ba ikwatlhaye le go rapela go fitlha ba nna le tumelo mo go Jeso Keresete.

Setshwantsho
Balamane ba rapela

Balamane ba rapela go fitlhelela leru le lefifi le nyelela.

Setshwantsho
molelo mo tikologong ya batho

Fa leru le lefifi le nyelela, batho ba bona pilara ya molelo mo tikologong ya bone. Molelo wa se ka wa ba fisa kgotsa mabota a kgolegelo.

Setshwantsho
Balamane

Balamane ba ne ba utlwa boitumelo jo bogolo, mme Mowa wa Modimo wa tlala mo dipelong tsa bone.

Setshwantsho
Balamane ba bararo

Lentswe la seba, le re ba tlaa gomodiwa ka ntlha ya tumelo ya bone mo go Jeso Keresete.

Setshwantsho
baengele

Balamane ba lelalela godimo go bona kwa lentswe le tswang teng. Ba bona baengele ba fologa mo legodimong.

Setshwantsho
Balamane ba bua

Batho ba ka ne ba le 300 ba bonye ba bo ba utlwa se se diragetseng mo kgolegelong. Ba ile ba tsamaya ba bolelela ba bangwe.

Setshwantsho
Balamane ba baya dibolao

Bontsi jwa Balamane ba dumela mme ba baya dibolao tsa bone.

Setshwantsho
Balamane le Banefi ba bua

Balamane ba emisa go tlhoa Banefi mme ba ba neela lefatshe le ba ne ba le tsere . Balamane ba nna basiami go gaisa Banefi.

Setshwantsho
Balamane le Banefi ba tsamaya

Balamane ba bantsi ba tsamaya le Nefi le Lehi ba ruta gotlhe Banefi le Balamane.

Gatisa