Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 22: Thomo ya ga Alema go Amoniha


Kgaolo 22

Thomo ya ga Alema go Amoniha

Setshwantsho
Alema le Nefiha

Alema o tshwenyegile ka boikepo jwa Banefi, o ikaeletse go feleletsa botshelo jwa gagwe botlhe a rera efangele. O tlhopha Nefiha mo boemong jwa gagwe jaaka moatlhodi mogolo.

Setshwantsho
Alema a ntse fa fatshe

Alema o rutile efangele lefatshe lotlhe. Fa a leka go rera mo Amoniha, batho ba ne ba sa reetse. Ba mo latlhela kwa ntle ga toropo kgolo.

Setshwantsho
Alema

Alema o ne a hutsafetse gore batho ba Amoniha ba ne ba le boikepo. O ne a tloga a ya toropo kgolo e nngwe.

Setshwantsho
moengele a bua le Alema

Mongele a bonala mme a gomotsa Alema. Moengele a mmolele gore a boela kwa Amoniha mme a rere gape. Alema a potlakela morago.

Setshwantsho
Alema a kopa monna dijo

Alema o ne a tshwerwe ke tlala. Jaaka a tsena ka toropo kgolo, a kopa monna dijo. Moengele one a boleletse monna gore Alema o tlaa tla mme Alema e ne e le moperofeti wa Modimo.

Setshwantsho
Amuleke a a fa Alema dijo

Monna yo, Amuleke, a tseela Alema kwa legaeng la gagwe mme a mo fa dijo. Alema a nna le Amuleke le ba lelwapa lwa gagwe malatsi a mantsi. O lebogetse Modimo lewapa la ga Amuleke le go ba segofatsa.

Setshwantsho
Alema le Amuleke ba bua

Alema o boleletse Amuleke ka pitso ya gagwe go ruta batho ba Amoniha. Amuleke a tsamaya le Alema go ruta batho. Mowa o o Boitshepo wa ba thusa.

Setshwantsho
Alema a rera

Alema o bolelela batho go ikwatlhaya kgotsa Modimo o tla ba senya. A re Jeso Keresete o tlaa tla mme a boloke bao ba ba nang le tumelo mo go ene e bile ba ikwatlhaile.

Setshwantsho
batho ba galefeletse Alema

Batho ba ga Amoniha ba galefa. Ba leka go latlhela Alema mo kgolegelong, mme Morena a mo sireletsa.

Setshwantsho
Amuleke le Alema ba ruta

Ke gone Amuleke a simolola go ruta. Batho ba le bantsi bane ba itse Amuleke; Ene e se moeng jaaka Alema a ne a ntse. O ba bololetse ka moengele yo a mmoneng.

Setshwantsho
Amuleke le Alema

Amuleke a re Alema e ne e le moperofeti wa Modimo mme o buile boammaaruri. Batho ba ne ba gakgamaditswe ke go utlwa bopaki jwa ga Amuleke.

Setshwantsho
Seeseramo le Amuleke le Alema

Batho bangwe ba galefa, bogolo jang monna mongwe wa moikepi yo a bidiwang Seeseramo. Ba leka go tsietsa Amuleke ka dipotso, mme a ba bolelela fa a itsile ka maano a bone.

Setshwantsho
Seeseramo a bua le Alema

Seeseramo o ne a batlile go senya sengwe le sengwe se se molemo. O ne a baka mathata, mme ka jalo batho ba mo duela madi go rarabolola mathata a a dirileng.

Setshwantsho
Seeseramo le Amuleke le Alema

Seeseramo o ne a sa kgone go tsietsa Amuleke, jalo a ntsha madi gore a re ga gona Modimo. Amulekeke o ne a itse fa Modimo a tshela mme a re Seeseramo le ene o a itse mme o ratile madi go feta Modimo.

Setshwantsho
Seeseramo le ba bangwe

Ke gone Amuleke a ruta Seeseramo ka ga Jeso le ka ga Tsogo le botshelo jo bo sa khutlheng. Batho ba ne ba gakgametse. Seeseramo a simolola go tshikinyega ka letshogo.

Setshwantsho
Alema a ruta Seeseramo

Seeseramo o ne a itse gore Alema le Amuleke ba ne ba na le thata ya Modimo gonne ba itse dikakanyo tsa gagwe. Seeseramo a botsa dipotso mme a reetsa jaaka Alema a mo ruta efangele.

Setshwantsho
lelwapa le bala dikwalo tse di boitshepo

Batho bangwe ba dumela Alema le Amuleke mme ba simolola go ikwatlhaya le go ithuta dikwalo tse di boitshepo.

Setshwantsho
Alema le Amuleke ba golegilwe

Mme batho ba le bantsi ba batla go bolaya Alema le Amuleke. Ba bofa banna ba babedi mme ba ba isa go moatlhodi mogolo

Setshwantsho
Seeseramo a sireletsa Alema le Amuleke

Seeseramo o ne a utlwa botlhoko ka a ne a le boikepo mme a rutile batho maaka. O ne a kopa batho go tlogela Alema le Amuleke ba tsamaye.

Setshwantsho
Badumedi ba latlhelwa ntle

Seeseramo le batho bangwe ba ba dumetseng dithuto tsa ga Alema le Amuleke ba ne ba latlhelwa kwa ntle ga toropo kgolo. Batho ba ba boikepo ba latlhela matlapa kwa go bone.

Setshwantsho
batho ba tshubile basadi le dikwalo tse di boitshepo

Ka jalo batho ba ba boikepo ba kgobokanya basadi le bana ba ba dumelang mme ba ba latlhela, le dikwalo tse di boitshepo tsa bone, mo teng ga molelo.

Setshwantsho
Alema le Amuleke ba lebeletse molelo

Alema le Amuleke ba ne ba patelediwa go lebelela basadi le bana ba a shwa mo molelong. Amuleke o batla go dirisa thata ya Modimo go ba boloka.

Setshwantsho
Alema a bua le Amuleke

Mme Alema a mmolelela gore a seka a emisa dipolao gonne batho ba ba neng ba a swa ba tlaabo ba na le Modimo mme batho ba ba boikepo ba tla otlhaiwa.

Setshwantsho
Alema a itewa

Moatlhodi mogolo a itaya Alema le Amuleke makgetlho a le mmalwa mme ba ba sotla gonne ga ba a boloka basadi le bana ba ba tshubilweng. Ka jalo a ba latlhela mo kgolegelong.

Setshwantsho
Alema le Amuleke mo kgolegelong

Banna bangwe ba ba bosula batlile mo kgolegelong mme ba kgoba Alema le Amuleke ka ditsela tse dintsi, go balelwa le go ba tima dijo le go kgwela mathe mo go bone.

Setshwantsho
moatlhodi mogolo le Alema le Amuleke

Moatlhodi mogolo a re fa Alema le Amuleke ba ka dirisa thata ya Modimo go ikgolola, o tlaa dumela. A ba itaya gape.

Setshwantsho
Alema le Amuleke ba rapela

Alema le Amuleke ba emelela. Alema o rapetse mme a kopa Modimo go ba thatafatsa ka ntlha ya tumelo ya bone mo go Keresete.

Setshwantsho
Alema le Amuleke ba kgaola megala

Thata ya Modimo ya tlatsa Alema le Amuleke, mme ba kgaoganya megala e e neng e ba tshwere. Banna ba ba bosula ba ne ba tshogile mme ba leka go sia mme ba wela fa fatshe.

Setshwantsho
mabota a kgolegelo a wela fa fatshe

Lefatshe la tshikinyega, mme mabota a kgolegelo a wela banna ba ba maikepo. Morena o sireleditse Alema le Emuileke, mme ba ne ba sa gobala.

Setshwantsho
Alema le Amuleke ba tsamaya go tswa mo kgolegelo e e thubegileng

Batho ba Amoniha batla go bona se se diragetseng. Fa ba bona Alema le Amuleke ba tsamaya go tswa mo kgolegelong e e thubegileng, ba ne ba tshoga mme ba sia.

Setshwantsho
Alema le Amuleke

Morena o boleletse Alema le Amuleke go ya Sitomo. Koo ba fitlhetse batho ba ba siameng. Seeseramo le ene o ne a le koo mme a lwala thata.

Setshwantsho
Alema a segofatsa Seeseramo

Seeseramo o ne a itumela go bona Alema le Amuleke. O ne a tshwenyegile gore ba bolailwe ka ntlha ya se a se dilrileng. O ne a ba kopa go mo fodisa.

Setshwantsho
Seeseramo

Seeseramo o dumela mo go Jeso Keresete mme a ikwatlhaela maleo a gagwe. Fa Alema a mo rapelela, Seeseramo o ne a fola ka bonako.

Setshwantsho
Seeseramo a kolobediwa

Seeseramo o ne a kolobediwa mme a simolola go rera efangele. Bontsi jo bangwe bo ne jwa kolobediwa.

Setshwantsho
batho ba ba suleng mo mobileng

Batho ba ba boikepo ba Amoniha bane ba bolailwe ke batlhabani ba Balamane, jaaka Alema a perofetile.

Gatisa