Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 12: Kgosi Benjamine


Kgaolo 12

Kgosi Benjamine

Setshwantsho
Kgosi Benjamine a ruta

Kgosi Benjamine e ne e le mosiami wa kgosi ya Banefi. Ka thuso ya bangwe ba basiami, a tlisa kagiso mo lefatsheng.

Setshwantsho
Kgosi Benjamine le Mosia

Kgosi Benjamine a tsofala mme a batla go bua le batho ba gagwe. O ne a tlhoka go ba bolelela gore morwa wa gagwe Mosia e tlaa nna kgosi e e latelang.

Setshwantsho
batho ba phuthega godikologa tempele

Batho ba tla go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe mme ba phuthegela mo tempeleng e gaufi. Ba baya ditante tsa bone gore dikgoro di lebe kwa tempeleng.

Setshwantsho
Kgosi Benjamine a bua

Kgosi Benjamine a bua go tswa mo kagong e e godileng gore Banefi ba mo utlwe.

Setshwantsho
Banefi

O ne a bolelela batho ba gagwe fa a lekile thata go ba direla. O ne a re tsela ya go direla Modimo ke go direla ba bangwe.

Setshwantsho
Kgosi Benjamine

Kgosi Benjamine a bolelela batho go obamela ditaelo tsa Modimo. Bao ba ikanyegang ba tshegetsa ditaelo ba tlaa itumela e bile letsatsi lengwe ba tshele le Modimo.

Setshwantsho
losea Jeso le Marea

Kgosi Benjamine o rile Jeso Keresete o tlaa tloga a tsholwa mo lefatsheng. Leina la ga mmaagwe e tlaa nna Marea.

Setshwantsho
Jeso a dira dikgakgamatso

Jeso o tlaa dira dikgakgamatso. O tlaa fodisa balwetse le go rudisa baswi. O tlaa dira difofu go bona le bosusu go utlwa.

Setshwantsho
Jeso a rapela

Jeso o tlaa boga le go swela dibe tsa batho botlhe. Bao ba ba ikwatlhayang mme ba na le tumelo mo go Jeso ba tlaa itshwarelwa dibe tsa bone.

Setshwantsho
Jeso a bapolwa

Kgosi Benjamine a bolelela Banefi gore baikepi ba tlaa betsa Jeso. Ke gone ba tlaa mmapola.

Setshwantsho
Jeso o tsogile

Morago ga malatsi a mararo Jeso o tlaa tsoga.

Setshwantsho
Banefi ba ikwatlhaya

Morago ga go bua ga ga Kgosi Benjamine, Banefi ba wela fatshe. Ba ne ba hutsafalela dibe tsa bone mme ba batla go ikwatlhaya.

Setshwantsho
batho ba rapela

Batho ba ne ba na le tumelo mo go Jeso Keresete, mme ba rapelela go itshwarelwa.

Setshwantsho
Banefi ba nyenya

Mowa o o Boitshepo wa tlatsa dipelo tsa bone. Ba ne ba itse gore Modimo o ba itshwaretse le gore wa ba rata. Ba utlwa kagiso le boitumelo.

Setshwantsho
Kgosi Benjamine a bua le batho

Kgosi Benjamine a bolelela batho ba gagwe go dumela mo Modimong. O ne a batla gore ba itse fa Modimo a bopile dilo tsotlhe mme a le botlhale e bile a le thata.

Setshwantsho
lelwapa le rapela

Kgosi Benjamine o ne a bolelela batho go ikokobetsa le go rapela letsatsi le letsatsi. O ne a batla batho ba gagwe go gakologelwa Modimo ka metlha le go nna boikanyego.

Setshwantsho
Kgosi Benjamine a bua

O ne a bolelela batsadi go sa letle bana ba bone go lwa kgotsa go ganetsanya.

Setshwantsho
batsadi ba ruta bana

O ne a ba bolelela go ruta bana ba bone go nna kutlo le go rata le go direla ba bangwe.

Setshwantsho
Banefi ba reeditse Kgosi Benjamine

O ne a tlhagisa batho go nna kelotlhoko ka se ba se akanyang, buileng, le se ba se dirileng. Ba ne ba tshwanetse go ikanyega le go tshegetsa ditaelo botshelo jwa bone jotlhe.

Setshwantsho
Kgosi Benjamine a bua le batho

Kgosi Benjamine a botsa batho fa ba dumela dithuto tsa gagwe. Botlhe ba ne ba re ba dumela. Mowa o o Boitshepo o ba fetotse, e bile ga ba sa tlhole ba batla go dira sebe.

Setshwantsho
Banefi ba nyenya

Botlhe ba golagana, kgotsa ba solofetsa, go tshegetsa ditaelo tsa Modimo. Kgosi Benjamine a kgatlhega.

Setshwantsho
Kgosi Benjamine a segofatsa Mosia

Kgosi Benjamine a naya morwa wa gagwe Mosia tshwanelo ya go nna kgosi e ntsha. Dingwa tse tharo morago ga go swa ga ga Kgosi Benjamine.

Setshwantsho
Mosia a dira

Mosia e ne e le kgosi ya mosiami. O ne a dira ka tlhaga mme a direla batho ba gagwe, jaaka rraagwe a dirile.

Gatisa