Kgaolo 42
Ditshupo tsa Papolo ya ga Keresete
Ba ne jaanong ba lebeletse ditshupo tsa loso lwa gagwe: malatsi a mararo a phifalo.
bangwe ba ne ba sa dumele fa ditshupo di tlaa tla. ba ganetsana le bao ba ba dumelang.
Letsatsi lengwe matsubutsubu a bogale a tla. Go ne go na le phefo e e boitshegang.
Legadima la bebenya, mme tumo ya maru ya tshikinya lefatshe ka bophara.
Toropo ya Sarahemola ya kapa molelo. Toropo ya Moroni ya nwela mo lewatleng. Toropo ya Moroniha ya katelesega.
Thoromo ya lefatshe ya tshikinya lefatshe lotlhe. Ditsela tse di tona tsa mheru tsa thubega, le dikago tsa wa. Ditoropo tse dintsi di ne tsa sengwa, le batho ba bantsi ba ne ba bolawa.
matsubutsubu le thoromo ya lefatshe di tsweletse dioura tse di ka nnang tharo.
Fa matsubutsubu le thoromo ya lefatshe di ema, lefifi le le kitlanyeng la apesa lefatshe. Go se lesedi gope. Batho ba ne le bone ba utlwa lefifi.
Lefifi la tswelela malatsi a mararo. Dikerese tsa se ka tsa tuka, batho ba sa kgone go bona letsatsi, ngwedi, kgotsa dinaledi.
Batho ba ne ba goa ka ntlha ya lefifi, tshenyego le dintsho. Ba ne ba utlwile botlhoko gore ga ba ikwatlhela dibe tsa bone.
Batho ba utlwa lentswe la ga Jeso Keresete.
Jeso a ba bolelela ka tshenyego e e boitshegang mo lefatsheng. O ne a re bontsi jwa baikepi ba bolailwe.
A re bao ba ba sa bolawang ba tlhoka go ikwatlhaya. Fa ba dirile jalo, mme ba tlile kwa go ene, o tlaa ba segofatsa.
Batho bane ba gakgametse go le kalo fa ba sena go utlwa lentswe gore ba bo ba emisa go goa. Sengwe le sengwe se ne se didimetse dioura tse dintsi.
Ke gone Jeso o ne a bua gape, a re gantsi o lekile go thusa batho. Fa ba ka ikwatlhaya jaanong, ba sa ntse ba ka boela kwa go ene.
Morago ga malatsi a mararo lefifi la nyelela. Batho ba itumela mme ka boitumelo ba leboga Morena.