Scripture Stories
Kgaolo 2: Lehi o Tlhagisa Batho


Kgaolo 2

Lehi o Tlhagisa Batho

Setshwantsho
Moperofeti a ruta

Batho ka bontsi ba ba tshedileng mo Jerusalema dingwaga tse 600 pele ga go tsholwa ga ga Keresete ba ne ba le boikepo. Modimo o ne a romela baperofeti go ba bolelela go ikwatlhaya, mme ba se ka ba reetsa.

Setshwantsho
Lehi le mosipuri wa molelo

Lehi ene e le moperofeti. O ne a rapela gore batho ba ikwatlhae. Fa a santse a rapela, mosipuri wa molelo wa bonala. Modimo a bolelela le go bontsha Lehi dilo tse dintsi.

Setshwantsho
Lehi a bona ponatshegelo

Lehi a boela gae mme a nna le ponatshegelo. A bona Modimo a dikaganyeditswe ke baengele ba bantsi. Baengele ba ne ba opela le go galaletsa Modimo.

Setshwantsho
Ponatshegelo ya ga Lehi

Mo ponatshegelong ya gagwe Lihae o ne a neelwa buka e e boletseng se se tlaa diragalang mo lobakeng lo lo tlang. O ne a bala gore Jerusalema o tlaa senngwa ka ntlha ya gore batho ba ne ba le boikepo.

Setshwantsho
Lehi a bua le batho

Lehi a bolelela batho gore Jerusalema o tlaa senngwa. Le gone o ne a bolela ka go tla ga ga Jeso. Batho ba ne ba galefile mme ba leka go bolaya Lehi, mme Morena a mo sireletsa.

Gatisa