Scripture Stories
Ketapele


Ketapele

Go Mmadi

Dipolelo tse tsa Buka ya ga Momone di kwaletswe bogolosegolo wena. Dipolelo di tserwe mo bukeng e e boitshepo gonne e tswa kwa go Rraetsho wa Legodimo. Jaaka o bala dipolelo tse, gakologelwa gore di ka ga batho ba nnete ba ba nnileng mo America bogologolo.

Fa o sena go bala dipolelo tse mo bukeng e, o tlaa batla le gone go di bala go tswa mo Bukeng ya ga Momone. Ka fa tlase ga setshwantsho sengwe le sengwe o tlaa bona kwa o ka bonang polelo eo mo Bukeng ya ga Momone. A rraago, mmaago, moruti, kgotsa tsala ba go thuse.

Fa o sa itse tlhaloso ya lefoko, le batle mo “Mafoko a o ka a Itseng” karolo e ka kwa morago ga buka e. Molaetsa ka ga batho le mafelo a a umakilweng mo Bukeng ya ga Momone le o ne a akareditswe mo bukeng ka kwa morago.

Go Batsadi le Baruti

Buka e e tlaa go thusa go ruta dikwalo tse di boitshepo. Abelana bopaki jwa gago jwa Buka ya ga Momone, le go rotloetsa bao o ba rutang go batla bopaki jwa bone. Go tlhaloganya ga bone go tlaa gola fa o ba balela mokwalo ka botlalo wa dipolelo tse ba di ratang mo Bukeng ya ga Momone ka sebele.

Gatisa