Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 52: Tshenyogo ya Bajerete


Kgaolo 52

Tshenyogo ya Bajarete

Setshwantsho
Kgosi ya Bajarete

Bajarete ba gola mo palong mme ba huma. Ba itlhophela kgosi go nna moeteledipele wa bone.

Setshwantsho
baikepi ba Bajarete

Dingwaga tse dintsi tsa feta, mme Bajerete ba nna baikepi. Morena o rometse baporofeti go ba bolelela gore ba ikwatlhae kgotsa ba tlaa senngwa.

Setshwantsho
Bajarete ba taboga

Batho ba se ka ba reetsa baperofeti. Ba leka go ba bolaya.

Setshwantsho
tlhabano

Go ne go le dintwa le leuba mo lefatsheng. Bajarete ba bantsi ba a swa.

Setshwantsho
Ethere a rera

Morena a romela moperofeti o mongwe, o o bidiwang Ethere. A rera go tswa mo mosong go fitlha maitseboa, a bolelela Bajarete go dumela mo Modimong le go ikwatlhaya.

Setshwantsho
Ethere a rerela batho

Ethere o boleletse Bajarete gore fa ba ka dumela mo Modimong, e tlaa re ka letsatsi lengwe ba nne le Rraetsho wa Legodimo mo lefatsheng le le molemo.

Setshwantsho
Bajarete ba patelela Ethere go tsamaya

Ethere o boleletse Bajarete dilo tse di botlhokwa tse dintsi, mme ba seka ba mo dumela. Ba mo dira gore a tloge mo motseng.

Setshwantsho
Ethere a iphitlhile mo logageng

Ethere a iphitla mo logageng ka nako ya motshegare gore a se ka a bolawa. Bosigo a tswela ntle mme a bona gore go diragala eng go Bajarete.

Setshwantsho
Ethere a kwala mo dipapetlaneng

A wetsa go kwala ditso tsa Bajarete fa a santse a iphitlhile.

Setshwantsho
Ethere a bua le Khorianthamo

Morena o rometse Ethere go Khorianthama, yo e neng e le kgosi e e boikepo ya Mojarete. Ethere o moleletse gore a ikwatlhae kgotsa o tlaa tshela go bona batho ba gagwe botlhe ba bolawa.

Setshwantsho
badisa ba kobakobile Ethere

Khorianthamo le batho ba gagwe ba seka ba ikwatlhaya. A leka gore Ethere a bolawe, mme Ethere a sia a ba a iphitlha mo logageng.

Setshwantsho
Batho ba robala ka tshaka

Batho ba ne ba le boikepo mo Morena a hutsitseng lefatshe. Ba sa tlhome di dirisiwa tsa bone kgotsa dichaka fatshe gonne letsatsi le le latelang sedirisiwa se tlaabo se seo.

Setshwantsho
tlhabano

Bajarete botlhe ba ne ba lwa mo dintweng, go akaretsa basadi le bana. Khorianthamo o ne a eteletse pele mophato o le mongwe mme monna yo bidiwang Shise a etelela pele o mongwe.

Setshwantsho
Khorianthamo le Shise ba lwa

Khorianthamo le Shise botlhe ba ne e le baikepi Mowa o o Boitshepo o ne o tlogetse Bajarete ka ntlha ya boikepo jwa bone. Satane o ne a na le thata e e tletseng mo go bone.

Setshwantsho
Khorianthamo

Bajarete ba lwa go fitlhelela go sala Khorianthamo le Shise fela. E rile Shise a idibala ka go latlhegelwa ke madi a mantsi mo go kalo, Khorianthamo a kgaola tlhogo ya gagwe

Setshwantsho
Khorianthamo le batho ba Sarahemola;

Perofeso ya ga Ethere e nnile boammaaruri: Khorianthamo e ne le Mojarete wa bofelo yo a neng a tshela. O fitlhetswe ke batho ba Sarahemola;

Setshwantsho
Ethere a kwala mo dipapetlaneng

Ethere a wetsa go kwala ditso tsa Bajarete. Ba sentswe ka ntlha ya boikepo jwa bone; Ditshupo tsa Bajarete di ne morago tsa bonwa ke Banefi.

Gatisa