Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Mafoko a o tshwanetseng go a itse


Mafoko a o tshwanetseng go a itse

a

agago dira kgotsa go aga sengwe

aletaraboitshepo, lefelo le le tsholeditsweng la leswe kgotsa mantswe a mo go one dithapelo kgotsa ditlhabelo di isiwang go Modimo

Setshwantsho
aletara

aletara

atlholamoeteledipele yo o atlholang gore molao o raya eng kgotsa ka fa batho ba ka o tshegetsang ka gone

b

bapolago bolaya ka go kokotela motho go mokgoro

batlhabanisetlhopha sa masole se se ipaakanyeditseng go tlhabana

batlhankabatho ba ba direlang kgotsa berekelang mongwe jaaka kgosi

batlhankaBatho ba ba patelelwang go direla batho ba bangwe

boammarurisengwe seo ruri se diragetseng kgotsa se se molemo kgotsa se siame

bogisago bua dilo tse e seng tsone ka ga mongwe go mo leka le go mo tlhokofatsa

boikanyegogo tswelela o obamela ditaelo

boikeposengwe se e seng sa Modimo Moikepi o rata Satane e bile ga a tshegetse ditaelo tsa Modimo.

boingotloo rutega le go batla go dira go rata ga Modimo

bopakiMaikutlo kgotsa tshupo ya gore efangele e boammaruri

boperesititaolo go dira mo leineng la Modimo

borathupa e e telele ka mogala o golegeletswe mo ntlheng nngwe le nngwe eo e dirisiwang go fula metswi

Setshwantsho
bora

bora

bosulasengwe seo se maswe

botshelo jo bo sa khutlenggo tshelela ruri le Modimo

botshwarogo sa gololesega, go tshwanela go dira letsatsi lotlhe go thusa mongwe o sele

d

dipapetlanaditsebe tse di lotsatsa tsa tshipi tse mo go tsone batho ba kwadileng dithuto tsa Modimo le ditso tsa batho

Setshwantsho
dipapetlana

dipapetlana

dipapetlana tsa gautalokwalo le le kwadilweng mo tsebeng e lotsatsa ya gauta. Moronae o ne a fitlha tseno mo Thabeng ya Khomora, mme Joseph Smith morago a di bipolola.

Setshwantsho
dipapetlana tsa gauta

dipapetlana tsa gauta

dipapetlana tsa kgotlholokwalo la ditaelo tsa Modimo le go dirana le badimo ba ga Lehi

Setshwantsho
dipapetlana tsa kgotlho

dipapetlana tsa kgotlho

dumelago utlwa kgotsa go itse fa sengwe se siame

e

efangeledithuto tsa ga Jeso Keresete

f

falolago tshaba mo mothong

fodisaGo dira motho yo o lwalang kgotsa o o golafetseng botoka kgotsa a itekanele

foufalapalelwa ke go bona

g

gankafalago itse le go femela se se siameng

i

ikwatlhayaGo ikwatlhaela tiro kgotsa kakanyo mme o solofetsa go se e boelele

itima dijogo tsamaya kwantle ga dijo kgotsa metsi fa o batla thuso ya semowa

itshwarelaGo lebala dilo tse di maswe tse motho a di dirileng le go rata motho

k

kagisomaikutlo a retibetseng kgotsa nako e go senang ntwa

kago e e godilengkago e e telele kgotsa felo fa go kwa godimo fa batho ba emang gone

Setshwantsho
kago e e godileng

kago e e godileng

kgolaganotsholofetso gareng ga Modimo le motho

kgolegelolefelo le le dirisiwang go tshegetsa batho ba ba dirileng molato

kgololesegogo nna le thata ya go dira boitshenkelo

kgololesegokgololesego go dira boitshenkelo

kgosimoeteledipele godimo ga setlhopha sa batho

kolobetsoTlhomo e mo go yone motho yo a nang le taolo go tswa mo Modimong a tsenya motho yo mongwe gotlhelele kwa tlase ga metsi mme a tsholetse motho morago kwa ntle. Kolobetso e a tlhokega go nna leloko la Kereke ya ga Jeso Keresete.

Setshwantsho
kolobetso

kolobetso

kopanyago nna karolo ya setlhopha

l L

legodimolefelo le Rraetsho wa Legodimo le Jeso Keresete ba nna gone

lelokomotho yo e leng wa kereke kgotsa setlhopa

lesoleMotho yo o lwang mo mophatong wa ntwa

letlapago konopa motho ka matlapa go fitlha a swa

leubatlhaelo ya dijo e e dirwang ke go sa neng ga pula mme dijwalo di retelelwa ke go gola

Liahonakolokwane ya kgotlho eo Modimo a neileng lelwapa la ga Lihae go ba supetsa tsela go ya mo nageng. E ne e dira fela fa lelwapa la ga Lihae le ne le siame.

Setshwantsho
Liahona

Liahona

M

mafoko a a molemomolaetsa wa tsholofelo le kgomotso o o rometsweng go tswa kwa Modimong

masaitsiwengtiragalo e e sa tlwaelegang kgotsa go dirafala moo go supang thata ya Modimo

moanamisa tumelomotho yo o rutang ba bangwe efangele ya ga Jeso Keresete

modimo wa disetwasengwe se batho ba se obamelang seo e seng sa Modimo

moengelemorongwa go tswa kwa Modimong

moeteledipelemotho yo o kaelang setlhopha sa batho

mokapotenimoeteledipele wa mophato wa ntwa

mokoromokoro o motona o o dirisiwang go tshola batho kgotsa ditlamelo

Setshwantsho
mokoro

mokoro

molamusebolao se se dirisiwang go konopa diphologolo kgotsa batho

Setshwantsho
molamu

molamu

moperofetimotho yo o beditswe ke Modimo go bolelela batho go rata ga Modimo

morutwanamotho yo o etsang Jeso e bile a leka go nna jaaka ene

motheogo loga maano a boikaelelo jwa boikepo kgatlhanong le mongwe

motsekedisebolao se se dirisiwang go konopa matlapa

Setshwantsho
motsekedi

motsekedi

motswisebolao se se ntlha e e bogale se se dirisiwang mo go tsomeng kgotsa ntwa

Setshwantsho
motswi

motswi

Mowa o MogoloLeina la Balamane la Modimo

n

nagalohalaha la lefatse leo le senang metse kgotsa batho

ntwatlhabano magareng ga baba kgotsa batlhabani ba ba kgatlhanong

o

obamelago dira se o se lopilweng kgotsa laetsweng

obamelago obamela kgotsa go sala morago motho kgotsa sengwe

o tletse ka Mowa o o Boitshepogo nna le Mowa o o Boitshepo o bolelela tlhaloganyo ya motho le pelo se e leng boammaaruri

otlhayago dira kgotsa go letlelela dilo tse di maswe go diragalela motho Batho gantsi ba otlhaiwa fa ba sa obamele Modimo.

p

perofesoGo tlhalosa tiragalo pele e diragala

ponatshegelomokgwa wa tshenolo

r

ranolago fetola mafoko go tswa mo puong engwe go engwe

rapelago bua le Modimo o isa ditebogo le go lopa ditshegofatso

s

sakaramentemodiro e mo go yone banna ba ba nang le boperesiti ba segofatsang le go isa senkgwe le metsi go batho ba bangwe. Sakaramente e gakolola batho ka ga Jeso Keresete.

seaparose se leele, sebipo se se tsharalogileng

seaparo sa phemelosebipo seo masole a se aparang go ipabalela mo tlhabanong

Setshwantsho
seaparo sa phemelo

seaparo sa phemelo

sebeGo roba taelo

sebolaoSengwe se se diriswang go tlhokofatsa kgotsa go bolaya batho ba bangwe, jaaka segai

segaise se bogale, thobane e e ntlha e e dirisiwang go tlhaba

Setshwantsho
segai

segai

segatago kgaola bogodimo jwa tlhogo ya motho

segofatsago neela motho sengwe seo se tlaa mothusang. Go segofatsa sakaramente ke go lopa Modimo go amogela senkgwe le metsi jaaka dikao tsa ga Jeso Keresete.

senagogemofuta wa kago kwa batho ba phutegelang gone go obamela Modimo

senyago khutlisa gotlhelele kgotsa ropefatsa sengwe, jaaka motse kgotsa botshelo

setilo sa katlholomaemo mo pusong ya Banifae ao moatlhodi mogolo a a tshwereng

setlhabelogo neela Modimo sengwe se se rategang

setlhare sa botshelosetlhare se se mo torong ya ga Lihae seo se emetseng lorato lwa Modimo

setlhogo sa kgololesegomolaetsa o Mokapoteni Moroni a o kwadileng a kgothatsa batho ba gagwe go femela kgololesego ya bone

Setshwantsho
setlhogo sa kgololesego

setlhogo sa kgololesego

siamasengwe se e leng sa Modimo Basiami ke bao ba ba salang morago ditaelo tsa Modimo.

susugo retelelwa ke go utlwa

t

taelosengwe se Modimo a se bolelelang batho ba gagwe go se dira gore jalo ba tle ba itumele

tagilwetatlhego ya taolo mo go nwe bojalwa jo bontsi thata

tempelentlo ya Modimo

Setshwantsho
tempele

tempele

thatapatelelo ya molemo kgotsa bosula, gantsi thuso e e feteletseng kgotsa thata ya Modimo

thebekarolo ya diaparo tsa phemelo tse di sireletsang lesole bo kwa godimo jwa mmele kgatlhanong le tshaka kgotsa dibolao tse dingwe

thobane ya tshipisekao mo torong ya ga Lihae seo se emetseng lefoko la Modimo

tlhaloganyago itse kgotsa go tlhaloganya mogopolo

tlhomago naya thata ya boperesiti le taolo

Setshwantsho
tlhoma

tlhoma

tlhomomodiro o o boitshepo kgotsa tiro oe e e nang le tlhaloso ya semowa, jaaka kolobetso kgotsa sakaramente

toropolelo eo e tswelelang mo tlhaloganyong ya motho fa ene a robetse

tshakajo boleele, bogale jwa tshipi jo bo dirisiwang go kgaola kgotsa go tlhaba

Setshwantsho
tshaka

tshaka

tsholofetsoikano kgotsa maitlamo go dira kgotsa go nna sengwe

tsosaGo tlisa mongwe kgotsa sengwe gape mo botshelong

tsuololaGo tlola kgotsa go nna kgatlhanong le ditaelo

tumelogo dumela mo go Jeso Keresete

U u

Urime le Thumimedi dirisiwa tse di tlhaolegileng tse Modimo a di neelang go baperofeti go ba thusa go ranola le go amogela tshenolo

utswago tsaya sengwe seo e leng sa motho o sele

Gatisa