Kgaolo 26
Batho ba ga Amone
Balamane bao ikgolantseng le Kereke ba ipitsa Baanthi-Nefi-Lehi, kgotsa batho ba ga Amone. Ba ne ba le molemo, batho ba ba dirang ka thata.
Balamane ba ba sa ikwatlhayang ba ne ba galefela batho ba ga Amone mme ba ipaakanyetsa go ba lwantsha.
Batho ba ga Amone ba ne ba itse gore baikepi ba Balamane ba tlaa tla go ba bolaya mme ba ikemisetsa go sa ba lwantsha. Ba ikwatlhaetse go bolaya
Ba fitlha dibetsa kwa tlase mo lefatsheng mme ba solofetsa Modimo gore ga ba kitla ba bolaya gape.
Fa baikepi ba Balamane ba tla mme ba simolola go ba bolaya, ba khubama mo lefatsheng mme ba rapela.
Go bona gore batho ba ga Amone ga ba ka ke ba itwela, bontsi jwa Balamane ba ba boikepo jwa emisa go ba bolaya.
Balamane ba ne ba utwile botlhoko gore ba bolaile Ba latlhela fa fatshe dibetsa tsa bone mme ba ikopanya le batho ba ga Amone. Ga ba kitla ba lwa ka gope.
Balamane ka bontsi ba tla go boloya batho ba ga Amone. Ba santse ba sa itwele, mme bontsi jwa bolaiwa.
A sa batle batho ba a ba ratang ba nyelediwa, Amone a rapelela thuso. Morena a mmolelela go tsaya batho ba gagwe mme a tloge mo lefatsheng.
Banefi mo Sarahemola ba neetse Amone le batho ba gagwe lefatshe la Jeshone le go ba sireletsa. Ba nna ditsala.