Kgaolo 23
Amone: Motlhanka yoo Mogolo
Amone a ya kwa lefatsheng la Ishemaele. Jaaka a tsena ka toropo kgolo, Balamane ba mmofa mme ba mo isa kwa kgosi ya bone, Lamoni.
Amone o boleletse Kgosi Lamoni gore o batla go nna mo gare ga Balamane. Lamoni o ne a kgatlhegile mme a dira gore banna ba gagwe ba mmofolole.
Amone o re o tlaa nna mongwe wa batlhanka ba kgosi. Kgosi a mo romela go lebelela matsomane a gagwe.
Letsatsi lengwe fa Amone le bangwe batlhanka ba ne ba tseela matsomane go ya go nwa metsi, Balamane ba magodu ba gasagasa diphologolo le go leka go di utswa.
Batlhanka ba ba neng ba na le Amone ba ne ba tshogile. Kgosi Lamoni o ne a bolaile batlhanka ba bangwe ba gagwe ba ba neng ba latlhegetswe ke diphologolo go magodu a.
Amone o ne a itse gore se e ne e le monyetla wa go dirisa thata ya Morena go gapa dipelo tsa Balamane. Ke gone ba ka reetsa dithuto tsa gagwe.
Amone a bolelela batlhanka gore fa ba ka kgobokanya diphologolo tse di phatlhaladitsweng, kgosi ga a na go ba bolaya.
Amone le batlhanka ba bangwe ka bofefo ba bona diphologolo mme ba dikgweeletse kwa morago kwa lefelong la go nwa.
Magodu a Balamane ba boa. Amone a bolelela batlhanka ba bangwe go disa matsomane fa a lwantsha magodu.
Magodu a Balamane ba ne ba sa tshabe Amone. Ba ne ba akanya fa ba ka mmolaya motlhofo.
Thata ya Modimo ene e na le Amone. O ne a tikale go bolaya bangwe ba magodu ka matlapa, mo go dirileng magodu a otlhe go galefa.
Ba leka go bolaya Amone ka melamu ya bone, mme nako nngwe le nngwe fa legodu le tsholetsang molamu go itaya Amone, o ne a kgaola letsoga la legodu. Ba tshogile, magodu ba sia.
Batlhanka ba tseela matsogo a a kgaotsweng go Kgosi Lamoni mme ba mmolelela se Amone a se dirileng.
Kgosi o ne a gakgamaletse thata e kgolo ya ga Amone. O ne a batla go bona Amone mme a tshaba ka ntlha ya go akanya Amone e le Mowa o Mogolo.
Fa Amone a tsena a tla mo go mmona, Kgosi Lemonae o ne a sa itse gore o ka reng. O ne a sa bue sebaka sa oura.
Moya o o Boitshepho wa thusa Amone go itse se kgosi a neng a se akantse. Amone a tlhalosa gore ga se Mowa o Mogolo E ne e le monna.
Kgosi a solofetsa Amone sengwe le sengwe se a se batlang fa a ka mmolelela ke ka thata e fe e a e dirisitseng go fenya magodu le go itse dikakanyo tsa kgosi.
Amone a re selo fela se a se batlang ke gore Kgose Lamoni a dumele se a tlaa se buang. Kgosi a re o tlaa dumela sengwe le sengwe se Amone a se mmolelelang.
Amone a botsa Kgosi Lamoni fa a dumela mo Modimong. Kgosi a re o dumela mo Moweng o Mogolo.
Amone a re Mowa o Mogolo ke Modimo, gore o tlhodile sengwe le sengwe mo legodimong le mo lefatsheng, le gore o itse dikakanyo tsa batho.
Amone a re batho ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo. O ne le gone a re Modimo o mmiditse go ruta efangele go Lamoni le batho ba gagwe.
A dirisa dikwalo tse di boitshepo, Amone o rutile Kgosi Lamoni ka ga Tlholego, Atamo, le Jeso Keresete.
Kgosi Lamoni o dumetse Amone mme a rapela go itshwarelwa dibe tsa gagwe. Ka jalo a wela fa fatshe mme a bonala jaaka e kete o sule.
Batlhanka ba tsholeletsa kgosi go mosadi wa gagwe le go mo robatsa mo bolaong. Morago ga malatsi a mabedi batlhanka ba akanya fa a sule mme ba ikaelela go mo fitlha.
Mohumagadi o ne a sa dumele fa monna wa gagwe a sule. A utlwile ka thata e kgolo ya ga Amone, a mo kopa go thusa kgosi.
Amone o ne a itse Lamoni a le ka fa tlase ga thata ya Modimo. A bolelela mohumagadi gore Lamoni o tlaa tsoga letsatsi le le latelang.
O ne a nna fa thoko ga ga Lamoni bosigo jotlhe. Letsatsi le le latelang Lamoni a tsoga mme a re o bone Jeso Keresete. Kgosi le mohumagadi ba tlala ka Mowa o o Boitshepo.
Lamoni o rutile batho ba gagwe ka Modimo le Jeso Keresete. Bao ba dumetseng ba ikwatlhaela dibe tsa bone mme ba ne ba kolobediwa.