Kgaolo 53
Moroni le Dithuto tsa Gagwe
Moroni o ne a itse fa ka letsatsi lengwe dipapetlana tsa gauta di tlaa ntshiwa mo mmung.
Mafoko a a mo dipapetlaneng tsa gauta a bolela ka ga Jeso Keresete. Di supa tshupo le go ruta batho gore ba ka tshela ka tshiamo jang.
Balamane ba baikepi ba bolaile Monefi mongwe le mongwe yo o sa kakeng a latola Jeso Keresete.
Moroni ga a ikitla a latola Jeso Keresete O ne a tsamaya go dikologa, a iphitlhela Balamane.
Moroni o kwadile thata mo dipapetlaneng tsa gauta, bogolo go Balamane ba malatsi a bofelo.
O kwadile dilo tse di botlhokwa di le dintsi, go akaretsa mafoko a thapelo ya sakaramente
Moroni o kwadile gore batho fela ba ba ka kolobediwang ke bao ba ba eletsang go ikwatlhaela dibe tsa bone le go direla Jeso Keresete.
Moroni o ne a batla gore mongwe le mongwe a dumele mo go Jeso Keresete le go mo itse. O rile sengwe le sengwe se se molemo se tswa mo go Keresete.
Moroni o kwadile gore fa batho ba rata Modimo le go mo etsa, ba ka nna boitekanelo.
Moroni o ne a itse gore fa a sena go swa o tlaa tsosiwa mme o tlaa nna le Rraetsho wa Legodimo le Jeso Keresete.