Kgaolo 54
Tsholofetso ya Buka ya ga Momone
Setshwantsho
mosimanyana a bala dikwalo tse di boitshepo
A bolelela batho go bala ditshupo, go akanya ka mmanete ka ga tsone, mme ke gone ba lope Rraetsho wa Legodimo fa di le boammaaruri.
Setshwantsho
mosimanyana a rapela
Moroni a solofetsa gore fa batho ba ka lopa ka tlhwaafalo, ka tumelo mo go Keresete, Mowa o o Boitshepo o ka ba thusa go itse gore ditshupo di boammaaruri.
Setshwantsho
Moroni a kwala mo dipapetlaneng
Moroni a kwala gore fa batho ba ikwatlhaya, ba sala morago Jeso Keresete, le go rata Rraetsho wa Legodimo, ba ka nna ba itekanetse.
Setshwantsho
Moroni a fitlha dipapetlana tsa gauta
Fa Moroni a wetsa go kwala mo dipapetlaneng tsa gauta, a di fitlha mo letloleng la letlapa mo Thabeng ya Khomora mme a bipa letlole ka lentswe le le tona. Botshelo jwa gagwe bo ne bo weditswe.