Kgaolo 41
Ditshupo tsa Botsalo jwa ga Keresete
Banefi ba bonye ditshupo tse dikgolo le masaitsiweng a baperofeti ba rileng a tlaa diragala pele ga botsalo jwa ga Jeso Keresete.
Mme bangwe ba Banefi ba rile motlha wa botsalo jwa ga Jeso o setse o fitile. Ba sotla ba ba neng ba santse ba dumela diperofeso tsa ga Samuele wa Molamane.
Batho ba ba neng ba dumela mo go Jeso Keresete le baperofeti ba ne ba utlwile botlhoko go akanya gore sengwe se ka kganela diperofeso go diragadiwa.
Batho ba lebelela ka boikanngo bosigo jo bo senang lefifi, se e neng e le tshupo ya gore Jeso Keresete o tlaa tsholwa.
Ba ba neng ba sa dumele mo go Jeso Keresete ba ne ba itshenkela letsatsi go bolaya badumedi fa ditshupo di sa diragale.
Nefi o ne a hutsafetse ka ntlha ya boikepo jwa bao ba ba neng ba sa dumele mo Mmoloking.
Nefi a rapelela batho letsatsi lotlhe ba ba neng ba tlile go bolawa.
Morena o ne a gomotsa Nefi a bo a mmolelela gore ga go kitla go nna lefifi bosigo joo. Jeso o tlaa tsholwa letsatsi le le latelang kwa Bethelehema.
Bosigo joo letsatsi le ne la phirima, mme ga seka ga nna lefifi. Ditshupo tsa botsalo jwa ga Jeso Keresete di tlile. Batho ba ne ba gakgametse.
Bao ba ba neng ba ikaeletse go bolaya badumedi ba ne ba wela fatshe mme ba bonala e kare ba sule.
Ba ne ba tshogile ka ba ne ba le bosula. Jaanong ba ne ba itse fa Mmoloki a tlaa tsholwa le gore baperofeti ba ne ba le nnete.
Go nnile lesedi bosigo jotlhe. Fa letsatsi le tlhaba mo mosong o o latelang, batho ba ne ba itse fa Jeso Keresete a tshotswe letsatsi leo. Diperofeso di diragaditswe.
Naledi e ntsha ya bonala mo loaping, fela jaaka baperofeti ba buile gore e tlaa bonala.
Satane a leka go dira gore batho ba se dumele ditshupo tse ba di boneng, mme bontsi jwa dumela.
Nefi le baeteledipele ba bangwe ba Kereke ba kolobetsa botlhe bao ba ba dumelang e bile ba ikwatlhaile.
Go ne go na le mafoko a boitumelo mo lefatsheng gonne mafoko a baperofeti a ne a diragaditswe. Jeso Keresete o tshotswe.