Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 9: Legae le Lesha mo Lefatsheng la Tsholofetso


Kgaolo 9

Legae le Lesha mo Lefatsheng la Tsholofetso

Setshwantsho
lefatshe la tsholofetso

Sekepe se pegile lelwapa la ga Lehi sa kgabaganya lewatle mme sa goroga kwa lefatsheng la tsholofetso. Batho ba tlhoma ditante tsa bone.

Setshwantsho
ba lema dipeo

Ba tlhabolola mmu le go jwala dipeo tse ba tlileng ka tsone.

Setshwantsho
diphologolo tse dintsi

Jaaka fa ba tsamaya go dikologa lefatshe la bone le lesha, ba fitlhela mefuta e e mentsi ya diphologolo. Le gone ba fitlhela gauta, selefera, le kopore.

Setshwantsho
Nefi a kwala

Modimo o boleletse Nefi go dira dipapetlana tsa tshipi go kwalela mo go tsone. Nefi a kwala ka lelwapa la gagwe le maeto a bone. O ne le gone a kwala mafoko a Modimo.

Setshwantsho
Lehi a bua le lelwapa

Lehi a tsofala. Pele fa a swa a bua le barwae mme a ba bolelela go obamela ditaelo tsa Modimo. O ne le gone a segofatsa bana ba bana ba gagwe.

Setshwantsho
Lamane le Lemuele ba galefetse Nefi

Morago ga go swa ga ga Lehi Lamane le Lemuele ba galefela Nefi e bile ba batla go mmolaya. Ba ne ba sa batle Nefi, monnaabone, go nna moeteledipele wa bone.

Setshwantsho
Nefi le basiami ba tsamaya

Morena o bolelela Nefi go etelelapele batho ba basiami mo nageng. Ba tsamaya malatsi a mantsi mme la bofelo ba ema kwa lefatsheng le ba le biditseng Nefi.

Setshwantsho
batho ba bua

Batho ba ba neng ba sala Nefi morago ba obamela Modimo. Ba ne ba dira ka natla mme ne ba segofala. Nefi a ruta batho ba gagwe go aga ka legong le tshipi. Ba ne ba aga tempele e ntle.

Setshwantsho
Balamane

Balatedi ba ga Lamane le Lemuele ba ne ba bidiwa Balamane.

Setshwantsho
Balamane

Balamane ba ne ba sa obamele Modimo mme ba ne ba kgaolwa mo boleng teng jwa Gagwe. Mowa wa Morena o ne o ka seka wa nna le bone go fitlhelela ba ikwatlhaya.

Setshwantsho
Balamane ba lwantsha Banefi

Balamane ba ne ba tletse ka matlhotlhapelo mme kgapetsa kgapetsa ba lwa le Banefi.

Gatisa