Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 38: Polao ya Moatlhodi Mogolo


Kgaolo 38

Polao ya Moatlhodi Mogolo

Setshwantsho
Banefi ba ba boikepo ba bua

Baikepi ba ne ba nna baatlhodi godimo ga Banefi. Ba otlhaya batho ba basiami mme e seng batho ba ba boikepo.

Setshwantsho
Nefi

Nefi o ne a hutsafetse go bona boikepo jo bo kalo mogare ga batho.

Setshwantsho
Tsela e e yang Sarahemola

Letsatsi lengwe o ne a rapela mo kagong e e godileng mo tshimong ya gagwe. Tshimo ya gagwe e ne e le mo tseleng ya mheru e e neng e ya mmarakeng mo Sarahemola.

Setshwantsho
Nefi a rapela

Bafiti ka tsela ya mheru ba ne ba utlwa Nefi a rapela. Setlhopha se segolo sa phuthagana, ba gakgamaletse gore ka ntlha yang a ne a hutsafetse mo go kalo.

Setshwantsho
Nefi a bua le batho

Fa Nefi a bona batho, o ne ba bolelela fa a hutsafaditswe ke boikepo jwa bone. A ba bolelela gore ba ikwatlhaye.

Setshwantsho
Banefi ba reeditse Nefi

A ba tlhagisa gore fa ba sa ikwatlhaye, baba ba bone ba tlaa tsaya magae a bone le ditoropo tsa bone mme Morena ga a kitla a ba thusa go tlhabana le baba ba bone.

Setshwantsho
Nefi a bua

Nefi o rile Banefi ba ne ba le boikepo thata go feta Balamane gonne Banefi ba ne ba rutilwe ditaelo mme ba sa di obamele.

Setshwantsho
Nefi a bua

O rile fa Banefi ba sa ikwatlhaye, ba tlaa nyelediwa.

Setshwantsho
batho ba galefile

Bangwe ba baatlhodi ba ba boikepo ba ne ba le koo. Ba ne ba batla batho ba otlhaya Nefi go bua kgatlhanong le bone le molao wa bone.

Setshwantsho
Batho ba ganetsana

Bangwe ba batho ba ne ba dumalana le baatlhodi ba ba boikepo. Bangwe ba dumela Nefi; ba ne ba itse fa e ne e le moperofeti mme a bua boammaaruri.

Setshwantsho
Nefi a bua

Nefi a bolelela batho gore ba tsuololetse Modimo mme ba tloga ba otlhaiwa fa ba sa ikwatlhae.

Setshwantsho
Nefi a supa

Nefi a bolelela batho go ya go batla moatlhodi mogolo. O tlaa bo a rapaletse mo mading a gagwe, a bolailwe ke morwarraagwe yo a neng a batla maemo a gagwe.

Setshwantsho
banna ba taboga

Banna ba le batlhano go tswa mo bontsing ba taboga go ya go bona moatlhodi mogolo. Ba ne ba sa dumele fa Nefi e le moperofeti wa Modimo.

Setshwantsho
moatlhodi mogolo a sule

Fa ba bona Sisoramo, moatlhodi mogolo, a rapaletse mo mading a gagwe, ba wela fa fatshe mo letshogong. Jaanong ba itse fa Nefi e le moperofeti.

Setshwantsho
banna ba supa

Batlhanka ba ga Sisoramo ba ne ba setse ba bone moatlhodi mogolo mme ba ne tabogela go bolelela batho. Ba fitlhela banna ba le batlhano ba rapaletse foo.

Setshwantsho
Batho ba galefile

Batho ba ne ba akanya fa banna ba batlhano ba bolaile Sisoramo.

Setshwantsho
banna ba bua

Ba latlhela banna ba batlhano mo kgolegelong mme ba romela lefoko kwa toropo kgolo yotlhe gore moatlhodi mogolo o bolailwe le gore babolai ba gagwe ba mo kgolegelong.

Setshwantsho
banna ba bua

Letsatsi le le latelang batho ba ya kwa go moatlhodi mogolo a tlaa fitlhelwang teng. Baatlhodi ba ba neng ba le kwa tshimong ya ga Nefi ba botsa gore banna ba batlhano ba kae.

Setshwantsho
Baatlhodi ba bua

Baatlhodi ba kopa go bona babolai ba ba beilweng molato.

Setshwantsho
banna fa pele ga baatlhodi

Balatofadiwa e ne e le banna ba ba neng ba tabogela go tswa mo tshimong ya ga Nefi go moatlhodi mogolo.

Setshwantsho
banna fa pele ga moatlhodi mogolo

Banna ba batlhano ba buile fa ba fitlhetse moatlhodi mogolo a rapaletse mo mading a gagwe, fela jaaka Nefi a boletse. Ke gone baatlhodi ba ne ba latofaletsa Nefi go romela mongwe go bolaya Sisoramo.

Setshwantsho
banna ba batlhano ba bofilwe

Ba itse fa Nefi e le moperofeti, banna ba batlhano ba nganga le baatlhodi, mme ba se ka ba reetsa. Ba ne ba bofile Nefi.

Setshwantsho
baatlhodi ba bua le Nefi

Baatlhodi ba ntshetsa Nefi madi le botshelo jwa gagwe fa a ka re o rerile go bolaya moatlhodi mogolo.

Setshwantsho
Nefi a bofilwe

Nefi o boleletse baatlhodi go ikwatlhaela boikepo jwa bone. Jalo a ba bolelela go ya kwa go Sianthamo, morwarraagwe wa Sisoramo.

Setshwantsho
baatlhodi ba bua le Sianthamo

Nefi o ba boleletse go botsa Sianthamo fa a rerile le Nefi go bolaya Sisoramo. Nefi a re Sianthamo o tlaa re “nnyaa.”

Setshwantsho
banna ba tshwara Sianthamo ka seaparo

Ke gone baatlhodi ba ne ba tshwanetse go botsa Sianthamo fa a bolaile morwarraagwe. Sianthamo o tlaa re “nnyaa,” mme baatlhodi ba tlaa fitlhela madi mo kobong ya gagwe.

Setshwantsho
Sianthamo

Nefi a re Sianthamo jalo o tlaa roroma le go setlhefala mme pheletsong a ipolele fa a bolaile morwarraagwe.

Setshwantsho
Sianthamo a tsewa

Baatlhodi baya kwa ntlong ya ga Sianthamo mme sengwe le sengwe sa diragala jaaka Nefi a bua se se tlaa diragala. Nefi le banna ba batlhano ba gololwa.

Setshwantsho
Nefi

Jaaka fa batho ba katoga Nefi, bangwe ba rile ke moperofeti, ba bangwe ba re ke modimo. Nefi a ya gae, a ntse a hutsafetse ka ga boikepo jwa bone.

Gatisa