Kgaolo 34
Hilamene le Makawana a Batlhabani a 2,000
Fa baba ba batho ba ga Amone ba tlhasela Banefi, batho ba ga Amone ba ne ba batla go roba tsholofetso ya bone mme ba thusa Banefi go lwa.
Hilamene le baeteledipele ba bangwe ba Banefi ba ne ba sa batle batho ba ga Amone gore ba robe tsholofetso ya bone go Modimo.
Barwa ba ba botlana ba batho ba ga Amone ba ne ba sa dira tsholofetso. Ba ne ba batla go thusa batlhabani ba Banefi go lwela kgololesego.
Dikete tse pedi tsa makawana a ba itlhophela go sireletsa lefatshe la bone. Ba ne ba kopa Hilamene go nna moeteledipele wa bone.
Makawana bao ba ne ba gankafetse, mme ba nonofile. Ba ne le bone ba tshepega le go ikanyega, mme ba ne ba tshegetsa ditaelo tsa Modimo.
Hilamene o ne a etelela pele makawana a batlhabani ba gagwe ba ba 2,000 mo ntweng. O ne a ba bitsa barwa ba gagwe, mme le bone ba ne ba mmitsa rraabone.
Le fa barwa ba ga Hilamene ba ne ba ise ba ke ba lwe, ba ne ba sa tshoga. Bo mmaabone ba ne ba ba rutile go nna le tumelo mo Modimong le go itse fa a tlaa ba thusa.
Hilamene le batlhabani ba gagwe ba ne ba lwa dintwa dile mmalwa kgatlhanong le Balamane. Makawana a ba ne ba obamela ditaelo tsotlhe tsa ga Hilamene.
Ba lole ka bopelokgale mme ba thusa go lelekela mmaba go sele. Morago ga tlhabano Hilamene o fitlhetse fa barwa ba gagwe botlhe ba golafetse mme go se a le mongwe yo o bolailweng.
E ne e le dikgakgamatso. Hilamene o ne a itumetse thata. O ne a itse fa makawana a a ne a sireleditswe ka ntlha ya tumelo ya bone e e kgolo mo Modimong.