Kgaolo 47
Jeso Keresete o Segofatsa Barutwana ba Gagwe
Barutwana ba mmotsa gore ba bitseng Kereke ka leina lefe Jeso a re e tshwanetse go bidiwa ka ene ka gore e ne e le Kereke ya gagwe.
Jeso o tlhalosetsa barutwana ba gagwe gore Rara wa Legodimo o mo rometse mo lefatsheng go ntshetsa batho botlhe botshelo jwa gagwe.
O ne a re mongwe le mongwe yo o ikwatlhayang, a kolobediwe mo leineng la gagwe, mme a obamela ditaelo tsa gagwe o tlaa se bonwe molato fa pele ga ga Rara wa Legodimo.
Mmoloki a bolelela barutwana ba gagwe go dira dilo tse ba mmoneng a di dira. O ba tlhometse sekao.
Le gone a ba bolelela gore ba kwale se ba se boneng le se ba se utlwileng gore le ba bangwe ba ka itse ka ga sone.
Jeso a botsa barutwana ba gagwe gore ba eletsa eng mo go ene. Ba le boferabongwe ba batla go nna le ene morago ga botshelo jwa bone mo lefatsheng bo khutla.
Jeso a ba solofetsa gore fa ba le ngwaga di le 72, ba tlaa ya go ene kwa legodimong.
Barutwana ba bararo ba bangwe ba seka ba leka go kopa se ba neng ba se batla, mme Jeso o ne a itse. Ba ne ba batla go nna mo lefatsheng mme ba ruta efangele go fitlha Jeso a boa gape.
Mmoloki a ba tshepisa fa ba se kitla ba boga setlhabi kgotsa bohutsana le gore ga ba kitla ba swa. Ba tlaa ruta batho efangele go fitlha a boa.
Jeso a tshwara mongwe le mongwe wa barutwana fa e se ba bararo ba ba tlaa salang mo lefatsheng. Ke gone a tsamaya.
Barutwana ba barora ba ne ba tseelwa kwa legodimong, kwa ba boneng le go utlwa dilo di le dintsi tse di gakgamatsang. Ba ne ba le nonofile botoka go tlhaloganya dilo tsa Modimo.
Mebele ya bone ene ya fetolwa gore ba se kitle ba swa.
Barutwana ba bararo ba boela mo lefatsheng mme ba simolola go rera le go kolobetsa.
Banefi ba ba bosula ba latlhela barutwana ba bararo mo kgolegelong le mo mokoting o o boteng, mme thata ya Modimo ya ba thusa go falola.
Fa ba kgaramelediwa mo molelong le mo lefelong la diphologolo tsa naga, ba ne le bone ba sirelediwa ke thata ya Modimo.
barutwana ba bararo ba tswelela go rera efangele ya ga Jeso Keresete go Banefi. Ba santse ba rera efangele ya gagwe.