Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Batho ba o tshwanetseng go ba itse


Batho ba o tshwanetseng go ba itse

AbinadiMoperofeti yo o rometswe go ruta Kgosi Noa, yo a dirileng Abinadi go tshubelwa go swa.

AlemaMoperisiti wa ga Kgosi Noa yo o neng a dumela dithuto tsa ga Abinatae mme morago a nna moeteledipele wa Kereke.

Alema yo MmotlanaMorwa wa ga Alema yo o ne a tsuologela le go leka go senya Kereke mme a nnile le phetogo ya pelo a bo a simolola go ruta efangele. O ne a nna moeteledipele wa Kereke le moatlhodi mogolo wa ntlha.

AmalekiaMoikepi yo a ne a batla go nna kgosi ya Banefi mme a ka bo a tlositse kgololesego ya batho. E rile fa a sa nne kgosi, a tloga go ya go ikopanya le Balamane.

AmaroneMosiami yo a neetseng Momone dikwalo gore jalo di ka bolokesega

Amone, batho baBalamane ba sokolotswe ke barwa Mosia. Batho ne ba fitlha dibolao tsa bone mme ba dumalana go se kitla ba lwa gape.

Amone1Moeteledipele wa setlhopha sa Banefi go tswa Sarahemola ba ba neng ba ya kwa lefatsheng la Banefi mme ba thusitse Banefi koo go falola

Amone2Mongwe wa barwa ba ga Mosia yo a ne a sireletsa letsomane la ga Kgosi Lamoni mo magodung. O rutile e bile o sokolotse Balamane ba bantsi ka nako ya thomo ya gagwe.

AmulekeMorongwa wa mopati wa ga Alema yo Mmotlana Ba ne ba tsengwa mo kgolegelong mme ba dirisa thata ya Modimo go dira mabota a kgolegelo a we.

AmuloneMoperisiti wa moikepi wa ga Kgosi Noa yo a ne a dirwa molaodi godimo ga batho ba ga Alema. A ba dira gore ba dire ka thata e bile a tshositse go bolaya mongwe yo o ka tshwarwang a rapela.

Arone Morwa wa ga Kgosi Mosia le morongwa go Balamane

AtamoMotho wa ntlha mo lefatsheng

Baamalekibalatedi ba ga Amaleki Ba baya letshwao le lehibidu mo diphatleng tsa bone mme ba ikopanya le Balamane.

Baenthae-Nefi-Lehi(bona Amone, batho ba ga)

bagololesegiBanefi ba ba ne ba batla kgololesego go tshela le go obamela jaaka ba itshenkela. Ba ne ba buswa ke baatlhodi e seng kgosi.

BajareteBalatedi ba ga Jarete le monnawe ba ba neng ba tlogela Babela mme ba tsamaela kwa lefatsheng la tsholofetso mo mekorong

BalamaneDikokomana kgotsa balatedi ba ga Lamane le Lemuele kgotsa batho ba ba ganneng efangele.

Banefibalatedi ba ga Nefi kgotsa batho ba ba neng ba amogetse efangele

banna ba kgosiBanefi ba ba neng ba batla go buswa ke kgosi, e seng baatlhodi. E rile ba retelelwa ke go nna le kgosi, ba ikopanya le Balamane mme ba tlhasela Banefi.

BasoramoBatho ba ba boikepo ba e kileng ya bo e le ba kereke ya Modimo. Ba ne ba rapela mo teng ga disenagoge mo setlhomong se se bidiwang Remianpothamo.

Benjamine, KgosiKgosi ya mosiami yo a ne a ema mo kagong e e godileng go ruta batho ba gagwe ka ga Jeso Keresete

dikete tse pedi tsa makawana a batlhabaniMophato wa ntwa wa makawana a Baamone ba ba gogwang ke Hilamene. Ba ne ba tlhabana gore batsadi ba bone, ba ba dumalaneng go sa lwe, ba se tshwanelwe ke go lwa.

EfaMosadi wa ntlha mo lefatsheng

EmalekiMoikepi yo a ne a batla go nna kgosi ya Banefi. E rile fa a sa nne kgosi, ene le balatedi ba gagwe ba tloga, ba tlhasela Banefi, mme ke gone ba ikopanya le Balamane.

EnoseMorwa Jakobe yo a ne a rapela letsatsi lotlhe le go ya mo bosigong. O rapeletse Banefi le Balamane.

EthereMoperofiti yo a ne a tlhagisa Bajarete go ikwatlhaya mme a kwadile ka ga tshenyo ya bone

GideoneMonefi wa mosiami yo a ne a femela Kereke mogang Niho a simolola go ruta batho maaka. Niho a mmolaya

HakofeMonefi wa moagi wa sekepe yo o ne a tsaela Banefi ba bantsi kwa lefatsheng mo bokone

HilameneMorwa yo mogolo wa ga Alema yo Mmotlana O ne a newa dipapetlana mme a bolelelwa go kwala ditso tsa batho ba gagwe. O ne le gone e le moeteledipele wa batlhabani ba makawana a a 2,000.

HimonaeMorwa wa ga Kgosi Mosia le morongwa go Balamane

IshemaeleMonna a tswa Jerusalema yo a neng a etela kwa lefatsheng la tsholofetso lelwapa la ga Lehi. Barwaadie ba ne ba nyala barwa ba ga Lehi.

JakobeMorwa wa ga Lehi le Saria. O ne a lebagana le Shereme, yo o rileng Keresete ga teng.

JosefeMorwa wa mosiami wa ga Lehi le Saria yo o ne a tsholwa mo nageng.

Joseph Smith Jr.Moperofeti wa malatsi ano yo a ranotseng Buka ya ga Momome go tswa mo dipapetlaneng tsa gauta.

KhorianthamaKgosi ya moikepi yo e neng e le Moyarede wa bofelo go tshela

KhorihoMoikepi yo o neng a batla tshupo go tlhomamisa gore Modimo o tshedile. Modimo a naya Khoriho tshupo ka go tlosa lentswe la gagwe.

KoriantheneMorwa Alema yo Mmotlana yo a neng a se boikanyego le morongwa wa mosiami

LabaneMoikepi mo Jerusalema yo o reteletsweng ke go naya dipapetlana tsa kgotlho go barwa Lehi.

LamaneMorwa yo mogolo wa ga Lehi le Saria. O ne a le boikepo mme a tsuologetse Modimo.

Lamane, KgosiKgosi ya Balamane e e boikepo yo o neng a neela Sinifo le balatedi ba gagwe ba Banefi metse e mebedi mme a tloga a ba tlhasela

Lamoni, KgosiKgosi ya Balamane yo o ne a rutiwa efangele mme a dumela. Amone2 o femetse letsomane la kgosi mo magodung.

Lamoni, rraagwe KgosiKgosi ya Balamane yo o ne a rutiwa efangele mme a dumela. O rile o tlaa neela tsotlhe dibe tsa gagwe go itse Modimo.

Lehi1moperofeti yo o neng a tlhagisa gore Jerusalema o tlaa sengwa. O ne a reetsa fa Modimo a ne a mmolelela go tsaya lelwapa la gagwe go ya mo nageng.

Lehi2Morwa Hilamene. Ene le monnawe, Nefi, ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong mme ba dikaganyeleditswe ke molelo.

LemueleMorwa wa moikepi wa ga Lehi le Saria

Limihi, KgosiMorwa yo o molemo wa ga Kgosi Noa yo o boikepo. Ene le batho ba gagwe ba ne ba le batlhanka ba Balamane mme ba falotse.

MariaMmaagwe Jeso

MomoneMoeteledipele wa mophato wa ntwa wa Banefi mme mongwe wa bofelo wa ba baperofeti ba Banefi. O kgobokantse Buka ya ga Momone

monnawe JareteMoperofeti yo a neng a lopa Jeso go ama matlapa a le 16 gore a ka bonesa mo mekorong eo Bajarete ba ne ba e dirisa go tsamaya kwa lefatsheng la tsholofetso

MoroniMorwa Momone le wa bofelo moperofeti wa Monefi O ne a fitlha dipapetlana tsa gauta mme moraga a bonala go Joseph Smith jaaka moengele.

Moroni, MokapoteiniMoeteledipele wa mosiami wa mophato wa ntwa wa Banefi. O dirile setlhogo sa kgololesego mme a bolelela mophato wa ntwa wa gagwe go tlhabanela kgololesego ya bone.

Morwa MosiaBarwa Kgosi Mosia: Arone, Amone 2 Himonae, Omona, ba ba neng ba le borongwa ba ba gankafadi go Balamane

Mosia, KgosiYa bofelo kgosi ya Monefi. O ne a na le barwa ba le bane.

Nefi1Morwa wa mosiami wa ga Lefi le Saria. O ne a tsaya dipapetlana tsa kgotlho mo go Labane mme a aga sekepe se se neng sa tsaya lelwapa la gagwe go ya lefatsheng la tsholofetso.

Nefi2Morwa Hilamene. Ene le monnawe, Lehi, ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong mme ba dikaganyeditswe ke molelo. Nefi a dira leuba go ruta batho go ikwatlhaya.

Nefi3Mosiami yo o neng a itshenketswe ke Jeso Keresete go nna morutwana le moeteledipele wa kereke

NihoMoikepi yo o ne a ganetsana ka bopelokgale kgatlhanong le Kereke ya Modimo. O ne a bolaya Gideone mme a bolawa.

Noa, KgosiKgosi ya Banefi ya moikepi yo o neng a rata mahumo mme a rutile batho ba gagwe go nna boikepo. Batho ba gagwe ba mo tshubela go swa.

OmonaMorwa wa ga Kgosi Mosia le morongwa go Balamane

PhahoraneMoatlhodi mogolo wa Banefi yo a neng a thusa Mokapoteini Moroni go fenya Banefi ba ba boikepo

Samuele wa MolamaneMoperofeti yo o perofesitseng go Banefi ka ga ditshupo tsa go tsalwa ga ga Jeso Keresete le loso

SarahemolaMoeteledipele wa Balamane yo o neng a tlhabana le Banefi mme a ne a ba batla go nna batlhanka ba gagwe. O ne a kgaolwa segata mo tlhabanong kgatlhanong le batlhabani ba ga Mokapoteini Moroni.

SariaMosadi wa ga1 Lehi

SemeMorwa wa mosiami wa ga Lehi le Saria

SenifeMoeteledipele wa mosiami yo o neng a tsaya setlhopha sa Banefi go tswa Sarahemola go lefatshe la ga Nefi, kwa ba nnileng batlhanka ba kgosi Lamane wa moikepi

SheremeMonefi wa moikepi yo o ne a batla tshupo pele a dumela mo go Jeso Keresete

ShiseMojarete yo o boikepo yo o gogetseng mophato wa ntwa kgatlhanong le Khorianthama mme e ne e le mongwe wa bofelo wa Bajarete ba ba tshelang

SianthamoMorwarraagwe le mmolai wa ga Sisoramo

SisoramoMoatlhodi mogolo yo o neng a bolawa ke morwarraagwe

SisoramoMmueledi yo o ne a ntshetsa Amuleke madi go bua gore Modimo ga a teng. Alema yo Motlana o ne a mo ruta efangele mme o ne a ikwatlhaya.

SoramoMotlhanka wa ga Labane yo o neng a tsamaya le lwapa la ga Lehi kwa lefatsheng la tsholofetso

Gatisa