Kgaolo 27
Khoriho
Khoriho a bolelela batho gore ba dieleele go dumela gore Jeso o tlaa tla mo lefatsheng mme a boele dibe tsa bone.
O ne a re batho ga ba kake ba otlhaelwa dibe tsa bone gonne ga gona botshelo morago ga loso. Batho ba le bantsi ba dumela Khoriho. Ba nna boikepo
Khoriho a leka go rerela batho ba ga Amone, mme ba seka ba mo reetsa. Ba mfa le go mo isa go Amone, yo a mo pateleditseng go tswa mo toropo kgolo.
Khoriho a ya kwa lefatsheng la Giteone, mme batho teng ba seka ba mo reetsa le bone. Moatlhodi mogolo a mo romela go Alema.
Alema a botsa Khoriho fa a dumela mo Modimong. Khoriho a re ga a dumele. Alema a paka gore go na le Modimo le gore Keresete o tlaa tla.
Khoriho o ne a batla Alema a dira kgakgamatso go supa fa go na le Modimo. Khoriho a re o tlaa dumela mo Modimong fa a ka bona sesupo sa thata ya Modimo.
Alema a bolelela Khoriho fa a setse a bone ditshupo tse dintsi tsa thata ya Modimo mo dikwalong tse di boitshepo le bopaki jwa baperofeti botlhe.
Alema o rile lefatshe le sengwe le sengwe mo go lone le motsamao wa dipolanete mo lewaping ke digwe tsa ditshupo tsa gore gona le Modimo.
Khoriho ntse o gana go dumela. Alema o ne a utlwile botlhoko ka boikepo jwa ga Khoriho mme a mo tlhagisa gore mowa wa gagwe o tlaa senngwa.
Khoriho a santse a batla tshupo ya gore go na le Modimo. Alema a re tshupo go tswa Modimong e tlaa nna gore Khoriho a seka a kgona go bua.
Morago ga Alema a sena go bua se, Khoriho o ne a sa kgone go bua.
Khoriho a kwala gore o ne a itse gore tshupo e tswa kwa Modimong le gore o sale a ntse a itse fa Modimo a le teng. A kopa Alema go rapela le go ntsha phutso
Alema o ne a itse gore fa Khoriho a ka bua o tlaa bua maaka gape go batho. Alema a re Morena o tlaa sweetsa gore a Khoriho o tlaa bua gape.
Morena o ne a seka a neela Khoriho go bua ga gagwe. Khoriho o ne a tsamaya ntlo le ntlo a kopa dijo.
Moatlhodi mogolo a romela lekwalo lefatshe ka bophara a bolelela batho se se diragaletseng Khoriho. A bolelela ba ba dumetseng Khoriho go ikwatlhaya. Batho ba ikwatlhaya
Khoriho a ya o nna le Basoramo. Letsatsi lengwe fa a santse a kopa, o ne a gatakiwa go fitlha a swa.