Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 48: Kagiso mo Amerika


Kgaolo 48

Kagiso mo Amerika

Setshwantsho
Barutwana ba ruta

Fa Jeso a sena go boela kwa legodimong, barutwana ba gagwe ba tlhoma kereke ya gagwe mo lefatsheng lotlhe.

Setshwantsho
monna a kolobediwa

Batho ba ba ikwatlhaetseng dibe tsa bone ba ne ba kolobediwa mme ba amogela Mowa o o Boitshepo.

Setshwantsho
batho ba itumetse

Ka bofefo Banefi botlhe le Balamane ba ne ba sokologa. Ba ne ba sa ganetsanye e bile mongwe le mongwe o ne a tshepega.

Setshwantsho
batho ba ntse

Go ne go sena ope yo o humileng kgotsa yo o humanegileng. Batho ba ne ba tlhakanela sengwe le sengwe, mme botlhe ba ne ba na le se ba se tlhokang.

Setshwantsho
monna a segofadiwa

Barutwana ba dira dikgakgamatso tse dintsi mo leineng la ga Jeso Keresete. Ba fodisa balwetse le go rudisa baswi.

Setshwantsho
batho ba aga

Batho ba aga ditoropo tse disha kwa tse dingwe di sentsweng teng.

Setshwantsho
banna ba bua

Ba obamela ditaelo tsa Modimo. Ba ikitsa dijo mme ba rapela ba bo ba kopana ka metlha go utlwa lefoko la Modimo.

Setshwantsho
basimane ba tshameka

batho ba ne ba itumetse.

Setshwantsho
banna ba bua

Gone go sena magodu, baaki, le babolai. Batho ba ne ba sa kgaogana ka Banefi le Balamane mme ba ne botlhe ba le bangwe, bana ba ga Keresete.

Setshwantsho
rra le morwa

Morena a segofatsa batho mo go sengwe le sengwe se ba neng ba se dira.

Setshwantsho
batho ba bereka mo tshimong

Ba tshelelela mo kagisong ngwaga di le 200. Batho ba huma thata.

Gatisa