Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 16: Kgosi Limihi le Batho ba Gagwe Bafalola


Kgaolo 16

Kgosi Limihi le Batho ba Gagwe Bafalola

Setshwantsho
Balamane ba disitse Batho mo nageng

Balamane batshwere bontsi jwa Banefi ba ba sa falolang le Kgosi Noa. Balamane ba ba tseetse kgakala le go ba neela lefatshe mme ba ba dira go duela makgetho a a bokete.

Setshwantsho
Kgosi Limihi

Banefi ba dira Limihi Kgosi ya bone e ntsha. Limihi ene e le morwa wa ga Kgosi Noa, mme o ne a se boikepo jaaka rragwe. Ene e le monna yo o molemo.

Setshwantsho
Molamane a betsa Banefi

Kgosi Limihi o lekile go dira kagiso le Balamane, mme ba tswelela ba disitse Banefi le go nna setlhogo mo go bone.

Setshwantsho
Banefi ba tshwarwa

Tsatsi lengwe Kgosi Limihi o bone baeng bangwe kwa ntle ga toropo kgolo. O ne a ba tsentse mo kgolegelong. Baeng ene e le Banefi go tswa Sarahemola.

Setshwantsho
Amone a bua le Limihi

Moeteledi-pele wa bone o ne a bidiwa Amone. Kgosi Limihi o ne a itumelela go mmona. O ne a itse gore Amone o ka thusa batho ba gagwe go falola go tswa mo Balamane.

Setshwantsho
Kgosi Limihi a buisa batho ba gagwe

Kgosi Limihi a biditse batho ba gagwe mmogo O ba gakolotse gore boikepo jwa bone ene e le lebaka la go bo ba tshwerwe ke Balamane

Setshwantsho
Limihi a bua

O boleletse batho ba gagwe go ikwatlhaya, ikanya Modimo, le go tshegetsa ditaelo. Ke gone Modimo a ka ba thusa go falola.

Setshwantsho
Balamane ba bua

Banefi ba rutegile gore Balamane bao ba disisetseng toropo kgolo ba a tle ba tagwe bosigo.

Setshwantsho
Banifae ba tseela bojalwa jwa mofine go badisa

Jone bosigo joo Kgosi Limihi a romela bojalwa jwa mofine jo bo fetang go badisa jaaka mpho.

Setshwantsho
Limihi le batho ba gagwe ba falola

Kgosi Limihi le batho ba gagwe bane ba kgona go tsamaya go feta badisa ba ba tagilweng le go falola.

Setshwantsho
batho ba amogelwa mo Sarahemola

Amone o kaetse Kgosi Limihi le batho ba gagwe mo nageng go Sarahemola, kwa ba neng ba amogelwa.

Gatisa