Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 6: Toro ya ga Lehi


Kgaolo 6

Toro ya ga Lehi

Setshwantsho
Lehi le lelwapa

Lehi o ne a bolelela lelwapa la gagwe ka ga ponatshegelo e e botlhokwa e a nnileng le yone mo torong. Toro ya ga Lehi ya mo itumedisetsa Nefi le Seme mme a hutsafalela Lamane le Lemuele.

Setshwantsho
Lehi le moengele

Mo torong ya gagwe Lehi a bona monna a apere seaparo se se sweu yo o a boleletseng Lehi go mo sala morago. Lehi a sala monna morago mo nageng e e lefifi le le boitshegang.

Setshwantsho
Lehi a rapela

Fa a sena go tsamaya mo lefifing dioura tse dintsi, Lehi a rapelela thuso.

Setshwantsho
setlhare

Ke gone a bona setlhare sa leungo le le sweu. Leungo le le botshe la dira bao ba ba le jang go itumela.

Setshwantsho
Lehi a ja leungo

Lehi a ja leungo, mme la mo tlatsa ka boitumelo. O ne a batla lelwapa la gagwe gore le utlwe leungo gonne o ne a itse gore le ka ba itumedisa le bone.

Setshwantsho
Sarai, Seme, le Nefi ba tsamaela kwa go Lehi

Lehi a bona noka e elela gaufi le setlhare. Kwa tlhogong ya noka a bona Sarai, Seme, le Nefi.

Setshwantsho
lelwapa le tsamaela kwa setlhareng

Lehi a bitsa mosadi wa gagwe le barwa go tla mme ba utlwe leungo. Sarai, Seme, le Nefi ba tsamaya mme ba utlwa leungo, mme Lamane le Lemuele ba seka.

Setshwantsho
tsamma e e isang setlhareng

Lehi le ene a bona tsamma ya tshipi le tsela e e tshesane e e pitlaganeng e e isang kwa setlhareng.

Setshwantsho
motho a tshwere tsamma

O ne a bona batho ba bantsi ba tsamaya mo kgotsa kwa tseleng. Ka ntlha ya mouwane wa lefifi, bangwe ba ne ba timelelwa ke tsela mme ba latlhega.

Setshwantsho
motho a tshwere tsamma

Bangwe ba ngaparela tsamma ya tshipi mme fa fenya lefifi go ya kwa setlhareng. Ba utlwa leungo.

Setshwantsho
batho ba a ja leungo

Batho ba ba mo kagong e tona mo letlhakoreng le lengwe la noka ba sotla bao ba ba jeleng leungo. Bangwe ba ba jeleng leungo ba tlhabiwa ke ditlhong mme ba tswa fa setlhareng.

Setshwantsho
kago ya kgatshimolo

Lehi o ne a bona batho ba bantsi mo torong ya gagwe. Bangwe ba ne ba tshwere ka tlhomamo tsamma ya tshipi le go tsamaya ka lefifi go ya setlhareng. Ba utlwa leungo. Bangwe ba tsamaela kwa kagong e kgatshimolo kgotsa ba nwela mo nokeng kgotsa ba latlhega. Lamane le Lemuele ba seka ba ja leungo. Lehi a tswenyega ka bone mme a leka go ba thusa go obamela ditaelo tsa Modimo.

Gatisa