Dipolelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo
Kgaolo 50: Bajarete ba Tlogela Babele


Kgaolo 50

Bajaete ba Tlogela Babele

Setshwantsho
Jarete le monnawe ba bua

Jaete le monnawe e ne e le basiami ba ba neng ba agile mo motseng o o bidiwang Babele. Ba tshedile dingwa tse di lekgolo pele ga Banefi.

Setshwantsho
batho ba ba boikepo mo Babele

Bontsi jwa batho mo Babele ba ne ba le boikepo. Ba aga kago e e godileng go leka go tsena kwa legodimong. Morena a galefa mme a fetola puo ya bone.

Setshwantsho
Jarete a bua le monnawe

Jarete o lopa monnawe gore a rapele mme a lope Morena gore a se fetole puo ya malwapa a bone le ditsala.

Setshwantsho
Monnawe Jarete a rapela

Monnawe Jarete o rapetse, mme Morena o arabile thapelo ya gagwe. Jarete monnawe, le ba malwapa a bone le ditsala ba santse ba tlhalogana.

Setshwantsho
Jarete le lwapa ba tsamaya

Morena o boleletse monnawe Jarete go phuta lwapa la gagwe le ditsala mme ba tloge mo lefatshe. Ba tsere diphologolo tsa bone le dipeo tsa mefuta yotlhe.

Setshwantsho
Bajarete ba tsamaya

Morena o rile o tlaa gogela Bajarete kwa lefatsheng la tsholofetso.

Setshwantsho
Bajarete

Bajarete ba tshwara dinonyane le ditlhapi go tsamaya le tsone.

Setshwantsho
dinotshe

Ba tsere motshitshi wa dinotshe

Setshwantsho
Bajarete ba tsamaya

Bajarete ba tsamaela kwa nageng. Morena o buile le bone a le mo marung mme a ba bolela tsela e ba tshwanetse go tsamaya ka yone.

Setshwantsho
Bajarete

Morena o rile batho ba ba agileng mo lefatsheng la tsholofetso ba tshwanetse go direla Modimo kgotsa ba tlaa senngwa.

Setshwantsho
Bajarete ba thibelela kwa lotshitshing la lewatle

Fa Bajarete ba tsena kwa lotshitshing la lewatle, ba tlhoma ditante tsa bone. Ba nnile fa lewatleng ngwaga tse nne.

Gatisa