Kgaolo 24
Amone o kopana le Rraagwe Kgosi Lamoni
Morena o boleleletse Amone go tsamaya mo boemong jwa lefatshe la Miditoni, kwa mokaulengwe wa gagwe Arone a neng a le mo kgolegelong. Kgosi Lamoni o tsamaya le Amone.
Jaaka ba tsamaya ba kopana le rraagwe Kgosi Lamoni, yo e neng e le Kgosi ya lefatshe lotlhe. A botsa Lamoni gore o ya kae le Monefi o o maaka.
Kgosi Lamoni o boleletse rraagwe ka Amone le mokaulengwe wa gagwe o a neng a le mo kgolegelong. A sakgetse, rragwe Lamoni a laela Lamoni go bolaya Amone le go sa e Miditonae.
Lamoni o ganne go bolaya Amone mme o ne a re e ne le Amone ba ya go golola Arone. Rraagwe Lamoni a galefa le go ntsha tshaka ya gagwe go bolaya Lamoni.
Amone a gatela pele go babalela Lamoni. Rraagwe Lamoni jalo a leka go bolaya Amone, mme a itshereletsa le go gobatsa letsogo la ga rraagwe Lamoni.
Fa rragwe Lamoni a bona gore Amone o ka mmolaya, a mo solofetsa sephatlo sa bogosi jwa gagwe fa a ka rekegela botshelo jwa gagwe
Amone o re o batla Arone le bapati ba gagwe ba gololwe mo kgolegelong le gore Lamoni a kgone go tshegetsa bogosi jwa gagwe.
Rraagwe Lamoni o lemogile gore Amone o ne a sa batle go mo utlwisa botlhoko. O ne a gakgamalelela selekanyo se Amone a ratang morwa wa gagwe O ne a laletsa Amone go mo ruta efangele
Amone le Kgosi Lamoni ba ile kwa Miditoni. Lamoni o buile le kgosi gone koo, mme Arone le bapati ba gagwe ba gololwa mo kgolegelong.
Amone o ne a hutsafetse go bona ka fa ba sotlilweng ka teng. Ba ne ba sotlegile thata mme ba nnile pelotelele.